Dipalo tsa melato di golela pele
07 Aug 2013
Mmakaseterata wa Molepolole, Rre William Modise a re le ntswa molao wa lefatshe leno o papametse, dipalo tsa bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole di tsweletse ka go golela pele.
O buile jalo ka Labotlhano mo kgotla tshekelong ya Molepolole fa a atlholela Mokgosi Monau wa Jwaneng, yo o dingwaga tse di masome matlhano P3 000 go kgweetsa a itshietse.
Mosekisi, Inspector Dominic Ntsholetsang o boletse fa e ne ya re Ngwanatsele a le masome mabedi le bone ngogola, mosekisiwa a tshwarwa mo tseleng ya Letlhakeng/Molepolole a kgweetsa a nole bojalwa.
Inspector Ntsholetsang o boleletse lekgotla gore mosekisiwa o ne a tlhatlhojwa mme maduo a mohemo wa gagwe a supa fa a fetile seemo se se letlelelwang sa 0.35 mg ka 0.81 mg.
Mo maipobolong a gagwe, mosekisiwa o ne a kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko a re ke ene motlhokomedi wa lelwapa la gagwe e bile o na le bana. Mosekisiwa o ne a kopa lekgotla go seka la mo gapela setlankana, a re o thapilwe e le mokgweetsi.
Fa a ntsha katlholo, Mmakaseterata Modise o ne a tlhalosa fa a utlwile maipobolo, gore mosekisiwa ke la ntlha a dira molato le gore ke ene motlhokomedi wa ba lelwapa la gagwe.
O ne a gakolola a re go kgweetsa ke tiro, ka jalo go tshwanetse ga tsewa ka manontlhotlho mme a tlhagisa Monau gore fa a ka dira molato oo gape, o tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng.
A re Monau o tshwanetse go itse gore fa seo se ka diragala, bana ba gagwe ke bone ba tlaa babalelwang. Mmakaseterata Modise a re o tshwenngwa ke dikgang tse, a re go ngomola pelo le go feta fa le ba ba itshetsang ka go kgweetsa tota ba tsweletse ka go kgweetsa ba nole bojalwa.
E re dikgang di eme jalo, Mmakaseterata Lindiwe Makgoro o atlhotse Domi Gaboakelwe wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng P3 000 le go mo seegela fa thoko mo go kgweetseng lebaka la ngwaga.
Fa mosekisi Inspector Ntsholetsang a tlhalosa, a re e ne ya re Mopitlo a le masome mabedi le boferabobedi monongwaga, Gaboakelwe a tshwarwa mme morago a tlhatlhojwa seemo sa bojalwa mo mohemong wa gagwe mme sa supa fa e le 0.56 mg kgatlhanong le 0.35mg yo o letlelesegang.
Mosekisiwa o ne a ipona molato mme a kopa lekgotla go atlhola kgang ka letsatsi la tsheko ka a ne a re o direla kgakala. O bile a re o kopa gore a itshwarelwe ka a sa itsholela.
Mmakaseterata Makgoro o ne a re o tsaya mosekisiwa e le la ntlha a dira molato, a re go ipona molato ga ga Gaboakelwe go somaretse nako ya lekgotla. Le fa go ntse jalo, o ne a mo atlhola P3 000 le go mo seegela fa thoko mo go kgweetseng lebaka la ngwaga. BOPA
Source : BOPA
Author : Ka Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kgotla tshekelo
Date : 07 Aug 2013






