Breaking News

BUIST e fetsa go fuduga ka Sedimonthole

06 Aug 2013

Unibesithi ya dithuto tsa boranyane ya seemo sa mafatshe ya Botswana (BUIST) e solofetswe go bo e dira ka botlalo go tswa kwa dikagong tsa yone kwa Palapye go simolola Firikgong ngwaga o o tlang jaaka go tlaa bo go weditswe go e fudusa.

Pego go tswa kwa sekoleng seo e tlhalosa gore go fuduga ga unibesithi eo go ya kwa dikagong tse disha kwa Palapye go tswa kwa sekoleng sa thutelo tiro ya diatla kwa Oodi go simologile kgwedi eno mme go ya go wela ka Sedimonthole.

Pego e e bolela gape gore phuduga e e tlaa dirwa ka dikgato ka diofisi tsa tsamaiso di akaretsa tsa madi tsa dikhompiutara, tsa tupo  dibuka, tsa molao, kanamiso mafoko, tirisano le setshaba le tsedingwe e le tsone di fudugang pele, kwa bokhutlong ja kgwedi eno.

E tlhalosa gape gore baithuti, le batlhatlheledi, ba tlaa fudugela kwa Palapye ka Morule go fokotsa go kgoreletsa dithuto.

E bolela gape gore phuduga e e tlaa thusa thata go godisa BUIST go e dira mohama wa dipatlisiso le thuto o o tiileng bogolo mo go tsa boinjiniere le boranyane jaaka e le yone meono e e thailweng ka yone kwa tshimologogng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Pego

Date : 06 Aug 2013