Breaking News

Mapodisi a Tlokweng a lela ka modumo

06 Aug 2013

Mapodisi Tlokweng a re a tshwenyega ka modumo wa diletso mo dibareng le batho ba ba dirang meletlo mo malwapeng.

Superintendant Lebalang Maniki a re ba ngongorisiwa gape ke go bo jaanong meletlo ya baby shower,e sa tlhole e le mo moonong wa go thusana, mme jaanong e le ya go lala paeng.

O boletse fa ba tshwere batho ba le borataro ka mafelo a beke, botlhe e le ba ba neng ba leletsa kwa godimo mme ba hirile baletsi kwa meletlong ya bone, fa babangwe e le beng ba dibara.   

Superintendent Maniki o boletse fa ba isitse dikgang tse dingwe kwa lekgotleng la Setswana la Tlokweng, a tlhalosa fa ba gapa diletso fa ba fitlhela batho ba leletsa kwa godimo. Rre Maniki o tlhalosiste fa go letsa go sa tshwarelwe, fela fa yo o letsang a sa tlhodie babangwe.

Mo dikgannye tse dingwe, Superintendent Maniki o kaile fa ba tshwenngwa ke batho ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa. O kopile beng ba dikoloi go adima batho ba ba nang le ditlankana go kgweetsa, go na le go di neela mongwe le mongwe.

Go sale foo, mapodisi a Tlokweng a tlhotlhomisa tiragalo e khombi nngwe e neng ya pitikologa, mo tseleng ya Modipane/Tlokweng ka mafelo a beke.

Rre Maniki a re gore combi e e oleng ke ya Mogoditshane Route 10, mme e ne e na le bapalami ba le batlhano go balelwa mokgweetsi, mme ba bararo ba ne ba alafiwa ba bo ba gololwa fa yo mongwe a bone dikgobalo tse di masisi. Mogolwane yo o kaile fa kotsi e, e diragetse kgwedi ya Phatwe e tlhola gane ka nako ya bone makuku.

O tlhalositse fa mokgweetsi e le monna wa dingwaga tse masome mararo le bongwe, mme ene a dule a sa gobala. Superintendent Maniki o kopile bakgweetsi go obamela matshwao a tsela, le go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Tlokweng

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2013