Breaking News

Dikgwetlho di a tlhalefisa

05 Aug 2013

Morutabana wa sekole se sebotlana sa Mpiti kwa Matobo mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Polite Hulela, a re sekole seo se dira botoka thata mo maduong a lekwalo la bosupa fa e sale dingwaga tse tharo tse di fetileng. 

Mme Hulela o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya maduo a lekwalo la bosupa kwa sekole seo bosheng. 

O boletse fa sekole sa Mpiti se tsere maemo a ntlha mo dikoleng tse di lesome le borobabobedi tse di mo kgaolong ya Nkange ntswa go ne go le thata mo go bone ka go se na motlakase mo sekoleng.

A re ga ba kgone go dirisa dilo dingwe di tshwana dikhomputara le tse dingwe tse bana ba ka anywang sengwe mo go tsone mme seo ga se a ka sa ba itsa go tsweledisa toro ya bone ya go  bona maduo a mantle. 

O ne a tlhalosa fa baithuti bao ba ngogola ba dirile sentle, mme a supa fa ba kgonne go ithekela motshine o o ntsifatsang dipampiri, ba aga ntlo  e e apeelang borotho, hoko ya dikoko tsa Setswana le lefelo le  go thotobolo ya matlakala.

O ne a galaletsa batsadi ba Matobo, a re ba kgonne ka kemonokeng ya bone le one maduo a mantle  ao. 

A re mo sekoleng sa Mpiti ba na le moono o le mongwe mo mongwe le mongwe mo sekoleng a itshegetseng tema ya  go  tlhokomela ngwana ka  go mo thusa ka tse a  di tlhokang, a  re seo le  botsadi bo a se dira ka bangwe ba tsentse letsogo go  thusa baithuti ba ba tlhokang.

Mongwe wa baithuti ba pele ba sekole seo, Mme Balebogi Seleke o ne a lebogela thotloetso le kemonokeng e e supilweng ke batsadi ka go ba bontsha lesedi la thuto. 

Mme Seleke a re tshwaragano ya batsadi le  barutabana ke yone  e  e dirileng gore ba bo ba le dinaletsana ba kgonne  go  gapa sejana. 

O ne a kgothatsa baithuti ka ene go tlhwaafalela thuto, a bolela fa mosepele wa go ithuta o sa ntse o le moleele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : Tutume

Event : Moletlo wa sekole

Date : 05 Aug 2013