Breaking News

Ba-na-le-bogole ba tlaa akarediwa ka bontsi

05 Aug 2013

Mothusa tona wa Merero ya ga Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Dr Gloria Somolekae a re puso e ikaelela go akaretsa ba-na-le-bogole ka dipalo tse dintsi mo lenaneong la nyeletso lehuma ka gore go lemotshegile fa ba tshelela mo lehumeng.

O boleletse bobega dikgang jalo morago ga thutopuisano ya nyeletso lehuma e e neng e tshwerwe kwa motseng wa Damochujenaa ka mafelo a beke.

A re ba-na-le-bogole ba na le mananeo a a faphegileng ka gore dipalo tsa bone di kwa tlase, ka jalo ga ba kgone go bona mananeo le dithuso tsa puso, a tlatsa ka gore mananeo a kgaogantswe go ya ka bogole jwa bone le letlhoko la bone.

Dr Somolekae a re go botlhokwa go ba rotloetsa go inaakanya le mananeo a gore le bone ba tle ba akole meamuso ya puso le gone go tsaya botsipa jwa go ka kgona go intsha mo lehumeng. O tlhalositse fa a itumeletse go bona ba-na-le-bogole kwa thutopuisanong eo le mororo ba ne ba se bantsi, a re se se tlaa rotloetsa ba bangwe gore le bone ba ikopele mananeo le go itse gore ba akareditswe mo ditogamaanong tsa setshaba.

Mothusa tona a re puso e tswa kgakala e lwantsha lehuma, a re bosupi jwa maiteko a a bonwang le ke sefofu ka jaana lehuma le fokotsegile thata fa go tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe mo Aferika.

A re maikaelelo a puso ke go thusa ba ba ntseng ba ikaegile ka dithuso tsa puso mme ba ka kgona go itshwarela ka diatla, a tlatsa ka gore ka mananeo a nyeletso lehuma puso e leka go fokotsa mokgweleo wa go jesa batho ba ba ka kgonang go ijesa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : DAMOCHUJENAA

Event : Phuthego ya babegadikgang

Date : 05 Aug 2013