Breaking News

Theko ya metsi e babalela babereki

05 Aug 2013

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Khuduyamajako, Mme Kelebogile Lepai, o ikuetse mo go mothusa tona wa botsogo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri ka lenyora le le aparetseng batho ba Khuduyamajako le Mosinki.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Rre Matlhabaphiri bosheng. Mme Lepai a re letlhoko la metsi le setse le babaletse babereki ba Ipelegeng ba dikgaolwana tseo ka a re ba patelesega go reka metsi mo go bo rrasekosekara sa maoto a mabedi ka tlhwatlhwa ya masome a matlhano a dipula a dikupu di tletse sekosekara.

A re go dira jalo go pateletsa babereki go kgaogana lemmenyana le le se yong le borrasekosekara mme se, se ise letlhoko la bone kwa godimo.

Kgosi Kgosietsile Lepai wa Khuduyamajako, o ne a bua a sa kgale mathe ganong ka borukutlhi jo bo aparetseng kgaolo eo. Kgosi a re mapodisi a thusiwe ka dikoloi ka gore fa ba ikuela ga ba kgone go bona thuso ka potlako ka ntlha ya letlhoko la dikoloi.

O tsweletse ka gore seemo sa borukutlhi se maswe fela thata, ka jaanong dilalome tseo di amoga bomme dibeke le gone go ba betelela tota. A re se, se dirile gore bana ba felele ba sa isiwe sekaleng.  A re e ne ya re ba isa selelo sa bone kwa kokelwaneng e e gaufi ya Boswelakoko kwa Molepolole, ba tsibogela matshwenyego a bone ka go rebola gore bana ba kalelwe kwa Khuduyamajako.

Le fa go ntse jalo, o kopile gore setoro se ba se dirisang go kala bana se okediwe ka  a re bothata jo ba nang le jone ke gore lefelo leo le lennye ka e le lone le batho ba Thuto-Ga- e-Golelwe le molemisi ba le dirisang.

Rre Borumolano Kwele, mongwe wa maloko a komiti ya temo ya kgaolo o boleletse tona gore maiteko a go ikgobokanya gore ba agelelwe masimo a iteile se fololetse ka ba na le dingwaga tse tharo ba isitse kopo kwa go ba lephata la kabo ditsha mme go se na nko e tswang lemina. Mothusa tona o ne a gakolola gore komiti ya ditlhabololo e ikopanye le mokhanselara gammogo le mopalamente wa bone gore ba thusiwe le gore morafe o bope ditlhopha tsa twantsho borukutlhi fela jaaka mo dikgaolong tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Aug 2013