Breaking News

Ba ikuela mo go Makgalemele

16 Jan 2013

Banni ba Poloka le Mokgenene kwa kgaolong ya  Shoshong, ba  ikuetse mo  mopalamenteng  wa  bone, Rre Phillip Makgalemele,  go thusa go ba inola mo letlhokong la motlakase le dikoloi tsa puso. Ba dirile boikuelo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di tshwere bosheng.

Kgosi ya Poloka,  Rre Moathodi Selathwe, o supile fa go le botlhokwa gore ba nne le motlakase mo motseng wa bone,  ka o tlhokafala mo ditirong tse  dintsi, a a fa sekai sa gore melemo mengwe e tshwanetse go bewa mo botsididing jo bo rileng. Kgosi Selathwe o ne a ikuela le ka letlhoko la koloi ya puso, go thusa kwa  kokelong, kwa sekolong le kwa kgotleng.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Selathwe o ne a supa fa a itumelela maiteko a go baakanya tsela e e gokaganyang Poloka le Dibete mme a re ga go a lekana. Dingwe tse di tshwenyang banni ba metse eo ke letlhoko la boroko jwa badirela puso.

Rre Makgalemele o tlhalositse fa a kopile tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi go ba thusa ka dikoloi mme a re o supile fa a ise a tle mo seemong sa go ba thusa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2013