Breaking News

Temo ya ditselana e na le dipoelo

04 Aug 2013

Batswana ba kopilwe go lema masimo a bone ka ditselana ka jaana go na le dipoelo tse di nametsang go na le go gasa ka seatla.

E rile mothusa tona wa temothuo, Rre Oreeditse Molebatsi a tshwere phuthego ya kgotla kwa motseng wa Malolwane ka Laboraro, a bolelela banni ba motse oo fa puso e itlamile go tokafatsa seemo sa dipoelo mo masimong. A re mabaka a gore puso e bo e di goga kwa pele mo go thuseng Batswana ka temo ke gore seemo sa dipoelo kwa masimong se tle se tokafale mme lefatshe la Botswana le kgone go ijesa. Molebatsi a re e re ntswa puso e tlile ka lenaneo la ISPAAD go thusa Batswana, dithuso di tlaa lebana balemi ba e leng gore ba sala tsamaiso ya temo e puso e e beileng pele lephata la temothuo.

A re go lema ka ditsela go supile fa go na le dipoelo tse dikgolo go gaisa fa molemi a jwala ka seatla a gasa peo mme ke se puso e rotloetsang Batswana go lema ka ditselana. Mothusa tona a re mo temong ya gompieno, balemi ba tlaa thusiwa go lemelwa ditema di le tlhano mme mo go tsone ba fiwe peo ya hybrid, menontshane le chefi e e lwantshang mhero mo tshimong.

O ne a tlatsa ka gore ba e leng gore ba lema go feta ditema tse tlhano ba tlaa fokoletswa ditlhatlhwa gore ba kgone go reka dipeo le menontshane ka bontlha bongwe puso e tlaa bo e bo duela.

Rre Molebatsi a re se se raya gore balemi ba simolole go tlhwaafalela temo le go ema ka dinao go ipaakanyetsa temo gore ba tle ba bone thobo e e botoka. Go ntse go le jalo, mothusa tona o ne a kopa borraditereke go ipaakanyetsa go lemela batho ka go reka diplantere le diege gore ba tle ba kgone go ikwadisetsa go lemela batho. A re e re ka puso e okeditse ditlhwatlhwa tsa go lema go tswa mo go P400 go ya kwa go P800 kgang e raya gore boraditereke ba tshwanetse ba lemela batho ka ditselana e seng jalo ga ba na go atswiwa ka fa tsamaong ya lenaneo la ga goromente.

Molebatsi o ne a kopa balemi go tlhokomela masimo a bone le gone go nna teng fa go lengwa gore ba kgone go bone gore a sengwe le sengwe se dirwa ka fa go tshwanetseng ka teng. 

E rile Kgosi Michael Balebetse a amogela mothusa tona mo kgotleng ya Malolwane, a ntsha ngongorego ya gore masimo a fetogile dikgwa ka jaana batho ba sa leme.

A re kgang e ga e mo jese diwelang ka jaana temo e le botlhokwa fela thata mo matshelong a Batswana mme fa masimo a sa dirisiwe go ngomola pelo ka seo se raya gore temo e kwa tlase mme ga go na dijo tse di ntshiwang kwa masimo. Kgosi Balebetse o kopilwe Bakgatla go dirisa masimo a bone le go akola mananeo a puso a temo ka jaana a diretse go tokafatsa dipoelo kwa masimong le gore Batswana ba kgone go ijesa. O ne a kopa gape gore ba emise go rekisa masimo a bone ka jaana e le boswa jwa bana ba bone. Kgosi Balebetse a re dikopo tsa masimo di dintsi fela thata mme fa a bona motho a rekisa masimo mme lefatshe le se yo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Aug 2013