Breaking News

Seakgosing o kgothatsa borre

04 Aug 2013

Tona wa botsogo, Dr John Seakgosing o gwetlhile borre go nna teng fa bomme ba bone ba belega.

Dr Seakgosing yo gape e leng mopalamente wa Kweneng Borwa o buile se kwa phuthegong e a neng a e buisa kwa Tlhareseleele bosheng. A re nako e tsile ya gore borre ba ikatumeletse kwa basadi ba bone ba belegelang teng a tlhalosa fa go dira jalo e le go supa lorato .

Dr Seakgosing a re fa borre ba ka simolola go etela dipatela ha basadi ba bone ba ile go belega gongwe motlha mongwe kgokgontso  e tla fokotsega a tlatsa ka gore rre o tla lemoga gore mosadi o mosola fela thata. Mo go tse dingwe Tona Seakgosing o ne a rotloetsa bomme go ikwadisetsa boimana nako tsotlhe a supa fa go tlhoka go dira jalo e le go tsenya matshelo a bone ga mmogo le jwa ngwana mo diphatseng.

A re fa mme yo o itsholofetseng a ikwadisetsa boimana o tlhatlhobelwa malwetsi otlhe ka go farologana a tlatsa ka gore fa a ka fitlhelwa ka bolwetsi bongwe o thusiwa ka bonako go boloka botshelo jwa gagwe le jwa ngwana.

Tona Seakgosing o ne a kopa bomme go tsena lenaneo la thibelo ya mogare go tswa mo go mmangwana yo o itsholofetseng go ya kwa loseeng (PMTCT) a tlatsa ka gore lenaneo leo le mosola fela thata.

A re dipatlisiso di supile fa lefatshe leno le di goga kwa pele mo lenaneong leo a tlhalosa fa bontsi jwa bomme ba ba nang le mogare ba tshola bana ba ba senang mogare se a tlhalositseng fa e le maiteko a mantle fela thata.

Kwa bofelong Dr Seakgosing o ne a bua a sa kgwe mathe ka bangwe ba a tlhalositseng fa ba nwa bojalwa phetelela a tlatsa ka gore bojalwa bo na le ditlamorago tse di seng monate mme a kopa setshaba go emisa go itontela bojalwa.

Fa a leboga mokhanselara wa NgwatsauSheepfarm Rre Aron Mothibi o ne a leboga tona go bo a bone go le maleba go tla go ba lekola le go ba kgothatsa ka botsogo jwa bone.

O ne a kopa morafe go amogela ditlamelo sentle tse ba di fiwang ke puso le gone go di dirisa ka manontlotlo aa fa sekai ka  dipilisi a re fa ba di filwe ba di nwe go ya ka ditaelo tsa ba bongaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Aug 2013