Breaking News

BPP e tiisa ipapatso

04 Aug 2013

Dibui kwa phuthegong ya phatlalatsa ya Botswana People’s Party di kopile maloko a phathi eo go tiisa ipapatso ya bone ka go tsena ntlo le ntwana go okela maloka a masha mo phathing.

E rile ba bua kwa phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Mapoka mo kgaolong ya batlhophi ya Tati Bophirima ka mafelo a beke, dibui ka go farologana, ba supa fa  ipapatso e ba neng ba tshwara ya go tsena ntlo le ntwana mo motseng oo, pele ba tshwara phuthego eo ya phatlalatsa e ba thusitse go gasa efangele ya lekgotla la bone la Umbrella for Democratic Change mo batlhophing.

Ba ne ba leboga banni ba Mapoka ka go ba amogela mo malwapeng a bone ka ao mabedi fa ba ne ba le mo ipapatsong eo, ka jalo ba ba kopa go tlhopa phathi ya BPP e e tla bong e emetse UDC mo kgaolong ya bone mo ditlhophong tse di tlang tsa 2014.

Ba re go mo maruding a Batswana go bona gore ba ikgolola mo mathateng a ba leng mo go one ka go tlhopholola phathi ya BDP mme ba e emisetsa ka ya UDC.

Dibui kwa phuthegong eo, di akaretsa borre Richard Gudu, Michael Muzola, Robson Langwani, Mbaakanyi Smarts le mokhanselara wa kgaolwana ya Kalakamati, Rre Madumela Matebu, ba buile ba sa kgwe mathe, ba re puso ya BDP e paletswe ke go fedisa mathata a a golelang pele a letlhoko la mebeko, lehuma, go tura ga metsi le a mangwe fela jalo a a amang Batswana.

Ba tsweletse ba kgala maduo a komiti ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e e neng  e itebagantse le kgaoganya melolwane ya dikgaolwana tsa botlhophi tsa bokhanselara, ba re ba ipotsa gore ke ka goreng e ne ya tsaya tshwetso ya go phatlalatsa kgaolwana ya Nlapkhwane mme ya tsenya motse wa Nlapkhwane mo kgaolwaneng ya Mapoka.

Ba re komiti eo, e paletswe ke tiro ka e ikgatlholositse ditsetlana tse di lebelelwang fa go bopiwa kgaolwana, tse di akaretsang le sone seelo se mokhanselara a tshwanetseng go emela batho sa 3 172, ba tlhalosa fa metse ya Mapoka, Nlapkhwane le Kgari e tla a a wela mo kgaolwaneng e le nngwe, e na le palo ya 3 915 mme Moroka ka nosi a na le palo ya 1 669. Mongwe wa dibui, Rre Smarts o ne a re banana ba lefatshe leno ba tshwanetse ba intsha mo mathateng a ba leng mo go one ka go hularela BDP , a re ba lebanwe ke mathata a a seng kana ka sepe a letlhoko la mebereko mme go lebega ba sa kgone go lemoga seo.

Rre Smarts a re banana ba setse ba bewa bopi mo matlhong ka lenaneo la nakwana la Internship, le ba atswiwang ka lemmenyana le le felelang mo go dueleng rente, go sena sepe se ba ka se iterelang.

Fa a latlhela la gagwe, Rre Muzola o ne a re go a makatsa gore lefatshe leno le le humileng, le phaphasela ka diteemane e bile le na le palo e e kwa tlase ya batho, e bo e le lone le nang le selelo se se kwa godimo sa bothata jwa madi le batho ba lone ba tshelela mo bothateng jwa lehuma la nta ya tlhogo le letlhoko la mebereko.

A re motho o ka ipotsa gore lehuma le go tweng le a nyelediwa le ne le bakilwe ke eng, a re ene o bona modi wa mathata otlhe a bakwa ke botsamaisi jo bo sokameng jwa boeteledipele jwa BDP, jo a tlhalositseng bo palelwa ke go laola itsholelo ya lefatshe.

Batsadi le bana ba ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi le go feta, ba ne ba kgotlhadiwa go tla ba ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo, mo ikwadisetsong ditlhopho e e tla simololang kgwedi ya Phalane e tlhola ga nne go fitlha e le masome a mabedi le bosupa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 04 Aug 2013