Breaking News

Nyeletso lehuma e fa Lemogang seriti

04 Aug 2013

Mme Grace Lemogang wa Tonota a re lenaneo la ga tautona la nyeletso lehuma lemo file seriti.

E rile a a fa bopaki mo thuto dipuisanong ya nyeletso lehuma ee neng e tshwerwe kwa  Damchojenaa mo kgaolong ya legare, Mme Lemogang a re fa a sale a thusiwa ka lenaneo la go apaya borotho, botshelo jwa gagwe bo fetogile ebile batho ba setse ba itse gore le en eke motho.

A re o simolotse kgwebo ya gagwe ka go apeela babereki ba Ipelegeng dikuku ka ngwaga wa 2011 mme ya nna tshimologo ya botshelo jwa gagwe jo bo botoka. O tlhalositse gore mosamarea mongwe oo molemo, o ne amo gakolola gore a ikopanye le ba khansele ba lephata la boipelego mme a kope dithuso tsa nyeletso lehuma.

A re ba boipelego ba ntse le seabe se se tona mo kgwebong ya gagwe ka ebile ba feletse bamo rutuntsha go apaya borotho mme se sene sa thusa kgwebo ka o feletse a kgona go apaya gole go ntsi mme a kgona go dira dipoelo tsedi botoka.

Mme Lemogang o boleletse batsena phuthego gore mananeo a nyeletso lehuma a tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka jaana ene jaanong a dule mo lehumeng ka bana ba gagwe ba sa lale ka tlala, a tlatsa ka gore o kgona le gone go rekela bana ba gagwe paka ya sekolo.

A re ntswa kgwebo nngwe le nngwe ena le dikgwetlho, ya gagwe ya borotho o setse a itse gore o ka di hema jang. Lefa go ntse jalo, Mme Lemogang o kopile puso gore e ba thuse ka tsela nngwe e ba kase gotlha-gotlhane le mapodisi a khansele ka yone ka jaana ba sokodisiwa ke go dira diteseletso tsa kgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Selibe Phikwe

Event : Thuto pusianyo ya nyeletso lehuma

Date : 04 Aug 2013