Kgosi Kachana o tlhokafetse
04 Aug 2013
Kgosi Kedifentse Kachana wa Tshesebe yo o tlhomilweng kgosi ya motse oo ka ngwaga wa 2001 o tlhokafetse. Go ya ka ntsalae, Rre Peter Slave, Kgosi Kachana, yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1971, o tlhokafetse mafelo a beke e e fetileng morago ga go lwala ka bokhutshwane. Rre Slave o tlhalositse mo potsolotsong fa moswi a ne a ka a fa a tshwenngwa ke tlhogo e e opang malatsinyana pele a tlhokafala.
O supile fa e rile mo mosong wa letsatsi le a tlhokafetseng ka lone, Kgosi Kachana a phakelela kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown go itekodisa ba bongaka, mme ya re a goroga kwa motseng wa gaabo motshegare seemo sa fetoga mme a ragosediwa kwa kokelong ya motse kwa a fetileng a tlhokafalela teng. Rre Slave o ne a supa fa se se utlwisang botlhoko le go feta e le go bo tiragalo e e diragetse mmaagwe moswi a lwala e bile a le mo bekeng ya bobedi a robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe.
Kgaitsadie moswi, Mme Dikgomotso Kooitse ene o ne a tlhalosa fa monnawe a ne a tshwareletse ngwana wa ga mogolowe setilo sa bogosi ka a sa le mmotlana. Le fa ene a ne a re ga a tlhomamise gore Kgosi Kachana o tlhomilwe mo setilong ka ngwaga ofe, o supile fa go tsaya setilo sa bogosi ga gagwe go ne go sala morago loso la ga mogolowe ebong Kgosi Matsapa Kachana yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1999.
Moswi, yo e leng ngwana wa borataro wa ba robabobedi ba ga Mme Basiti le Rre Charles Kachana, o tlogela mosadi le bana ba le babedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Masunga
Event : Leso la kgosi
Date : 04 Aug 2013






