Puso e tsweletse ka go batla mmaraka wa nama
02 Aug 2013
Puso e tlaa tswelela ka go batla mmaraka wa nama ka jaana madi a thekiso a thusa lefatshe leno go tlhabologa le gone go tokafatsa matshelo a Batswana.
E rile Mothusa Tona wa lephata la Temo-Thuo, Rre Oreeditse Molebatsi a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Malolwane ka Laboraro, a bolelela Batswana fa go le botlhokwa gore barui ba sale morago tsamaiso e puso e ba e beileng pele gore nama ya bone e kgone go rekisiwa kwa ntle.
A re mmaraka wa kwa Yuropa o tsile ka ditsamaiso tse disha tsa go sireletsa matshelo a batho mme seo se patika lefatshe leno go dira dikopo tsa bone gore nama e e tswang mo lefatsheng leno e bo e se na bolwetse bope le fa e le selabe sepe.
Molebatsi a re ka jalo barui ba tshwanetse ba rurifatsa gore dikgomo tsa bone di jele O mang e bile di kentwa go ya ka fa tsamaisong e e beilweng pele ga ba ka di rekisa. O ne a tlhalosetsa Bakgatla gore Omang wa dikgomo ga a direlwa go emisa bogodu jaaka batho bangwe ba akanya.
Mothusa tona a re Omang yoo, o ne a dirwa jaana gore go nne motlhofo go sala morago mong wa kgomo e e rekilweng fa e le gore go ka fitlhelwa nama ya yone e na le matlhasedi a bolwetse kana molemo mongwe o o borai mo botshelong jwa motho.
A re Omang yo o thusa go dira tiro motlhofo ka jaana mong wa kgomo a ikana fa a ne a sala tsamaiso morago gore kgomo ya gagwe e tle e felele e rekwa kwa matlhabelong a BMC. Rre Molebatsi a re dingwe tse di neng tsa dirwa ke puso ke go rurifatsa gore e thusa barui go jesa Omang mme e bile a tlatsa ka gore go tlaa simolola Omang yo mosha yo o tsenang mo tsebeng ya kgomo.
O ne a kopa barui botlhe go rurifatsa gore dikgomo tsa bone di jele Omang mme tse di sa jang di tla rwesiwa manyena mme a tlaa bo a tshwana fela le Omang yo o neng a jesiwa kgomo. A re maikaelelo a puso ke gore lenaneo leo le fele pele ga ngwaga o ya fifing mme go tswa foo barui ba tlaa bo ba ithekela manyena go rwesa marole a bone mme lenyena le lengwe le tlaa bo le e ja P15.
Mothusa tona a re thulaganyo ya Omang wa dikgomo e ne e na le tiego le diphoso ka jalo puso ya tsaya tshwetso ya go simolodisa lenaneo la lenyena la tsebe jaaka kwa mafatsheng a mangwe.
Rre Molebatsi o kopile Batswana go sala tsamaiso e morago ka jaana e dira tiro motlhofo fa nako ya thekiso e tla mme e bile ditsela tsa theko tse di dirilweng ke mmaraka di nna motlhofo ka sengwe le sengwe se nna mo tumalanong. BOKHTULO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MALOLWANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 02 Aug 2013






