Breaking News

Thuto ga-e-golelwe e ka lwantsa lehuma

02 Aug 2013

Mogokgo wa pele wa sekole sa barutabana sa Francistown, Rre Nelson Moncho o tlhalositse fa go tsena thuto ga-e-golelwe go le botlhokwa ka go ka lwantsha lehuma.

Fa a bua kwa moletlong wa go simolola go ipelela seabe sa thuto ga-e-golelwe kwa Hukuntsi bosheng, Rre Mocho o kaile fa dipatlisiso di supa gore  bontsi jwa batho ba ba mo lehumeng la nta ya tlhogo e le ba ba sa itseng go bala le go kwala, mme ka jalo a rotloetsa Batswana go tsena dithuto tsa gaegolelwe go inamola go sa itse go bala le go kwala.

Rre Mocho a re go sa itse go bala le go kwala, go ka nna le seabe mo go reng setshaba se tlhoke go tsena mo mananeong a puso, le go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa metse ya bone le tsa lefatshe.

A re puso e ne ya tlhama lephata la thuto gaegolelwe ka ngwaga wa 1981, e lebile dikgwetlho tse di farologaneng, nngwe e le bontsi ja batho ba ba neng ba sa itse go bala le go kwala bo oketsega  letsatsi le letsatsi.

A re puso e ne e na le tsholofelo ya gore e tlaare 1986 a ya fifing  Batswana ba le dikete tse tlhano ba ba sa itseng go bala le go kwala ba bo ba setse ba itse go bala le go tlhakanya dinomore.  “Puso e ne gape ya neela lephata la thuto ga-e-golelwe boikarabelo jwa go tsamaisa dithuto dingwe tsa tiro ya diatla, e le tsela nngwe ya gore Batswana ba kgone go itshetsa ka tiro ya diatla.”

A re go godisiwa ga dithuto tsa go bala le go kwala di lekana le tsa  dikole tse di potlana, ke sesupo sa gore baithuti ba gaegolelwe ba neelwa setlankana se se lekanang ka boleng le sa mophato wa bosupa.

O tlhalositse gore baithuti ba ba kgonneng go fetsa ‘level three’ ya thuto ga-e-golelewe ba fentse, ba kgona go dirisa ditlankana tsa bone go batla ditiro gongwe le gongwe mo Botswana.

O tsweletse ka go tlhalosa fa maiteko a puso a go lwatsa lehuma ka dithuto tsa gaegolelwe a tswa maduo ka  bontsi ja batho ba kgona go ipalela mananeo a puso, ditaelo tsa bongaka, dikaedi mo ditseleng, mmogo le go tlhaloganya tsamaiso ya ditlhopho.

Le fa go ntse jalo, a re lenaneo la thuto ga-e-golelwe le lebaganwe ke dikgwetlho tse di tshwanang le letlhoko la dipalamo, tlhaelo ya bodiredi le  letlhoko la mafelo a baithuti ba ka tsenelang mo go one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thato Mosinyi

Location : HUKUNTSI

Event : Moletlo wa Ipelo

Date : 02 Aug 2013