Koporase e ka fetola Patayamatebele
01 Aug 2013
Baagi ba Patayamatebele mo kgaolong ya bokone botlhaba ba boleletswe fa puso e tshwenyega ka seemo sa lehuma le le aparetseng motse o.
Mo mafokong a pulo semmuso thuto-puisanyo e e neng e tshwerwe ke ba lephata la dikoporase kwa motseng o o ka Mosupologo, mothusa modulasetilo wa komiti ya botsogo ya khansele ya bokone botlhaba gape e lebagane le tokafatso matshelo a setshaba, Rre Bakani Badziili o ne a supa fa puso e itlamile go tokafatsa itsholelo ya motse oo.
O boletse fa go lemosegile gore go tlhongwa ga koporase ke tsela e go dumelwang e ka fetola matshelo a batho le tebego ya motse wa Patayamatebele.
Rre Badziili, yo gape e leng Mokhanselara wa Siviya o ne a itsise batsena-dithuto tseo fa botlhokwa jwa koporase bo tswa mo go reng e re ka e le lekgotla la baikopanyi go bonolo go le tsamaisa go na le fa baagi ba itlhomela dikgwebo ka bongwe ka bongwe.
A re go bo dikoporase di le mefuta mme e bile di kgona go goboka ditirelo tse di farologanyeng go di fa bokgoni jo bo seng kana ka sepe jwa go gola le go atolosa ditlamelo tse di di fang morafe. Le fa go ntse jalo, Rre Badziili o ne a supa fa dikoporase di tshabelelwa ke matshwenyego a akaretsa dikgotlhang tsa maloko, a rotloetsa botlhe ba ba supileng kgatlhego mo go nneng maloko a koporase e e baakanyediwang go tlhongwa go itlwaetsa go kopa dikgakololo mo go ba ba maleba fa dilo di sa tsamae sentle mo koporaseng ya bone.
O ne a ba gwetlha go tlhomamisa gore ba dira molao-motheo o o nonneng o o tlaa ba thusang go rurifatsa gore koporase ya bone ga e tshabelelwe ke mmoholela. Mogolwane kwa lephateng la dikoporase kwa Francistown Rre Gosetsemang Makola o ne a itsise kokoano eo fa dikoporase di le mosola thata ka di thusa go tlhamela beng-gae ditiro, mo go thusang go fokotsa tlala mo malwapeng a ba ba tlaa nnang lesego go bona diphatlha tsa mebereko.
Fa ba a kgwa dibui dikgaba, banni ba ne ba supa fa ba na le tsholofelo e kgolo ya gore Koporase ya bone e tlaa ba namola lehuma le le ba apesitseng kobo ka letshoba go tswa bogologolong. ENDS
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 01 Aug 2013






