Breaking News

Ba fera bongwe ba tshwerwe

01 Aug 2013

Borre ba fera bongwe ba ba tlholegang kwa Thamaga, ba go bolelwang ba ne ba tlhasela Rre Tirelo Kgosipule kwa masimong a Dinkgwaneng mme ba mo gobatsa mo go masisi, ba tshwerwe ke mapodisi a Thamaga.

Babelaelwa ba ne ba iponatsa fa pele ga ga Mmakaseterata mogolo, Rre William Modise, kwa Molepolole bosheng. Sub-Inspector Mshingo Kedikanetswe, yo e leng mosekisi, o ne a kopa lekgotla gore le se ka la nama le kopile babelaelwa pele gore ba bue gore a ba ipona molato kgotsa nnyaa.

Motlhotlhomisi wa tiragalo e, Sub Inspector Christopher Disaitsanyeng, o tlhalositse fa e ne ya re kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le lesome le boraro, borre bao ba gobatsa Rre Kgosipule ka go mo raga ka ditlhako kwa marekisetsong a bojalwa. O boleletse lekgotla gore ka nako ya molato o kwadisiwa kwa mapodising, mongongoregi o ne a idibetse.

Sub Inspector Disaitsanyeng a re mongongoregi o ne a isiwa kwa kokelong e kgolwane ya Thamaga mme morago a fetisediwa kwa go ya Princess Marina, kwa a robaditsweng teng kwa lekalaneng la ba ba gateletsweng ke bolwetse.

Inspector Disaitsanyeng o ne a tswelela a re mongongoregi o mo seemong se se kwa tlase. Mmakaseterata Modise o ne a tlhalosa fa a se na go letlelela ope wa babelaelwa go letela tsheko kwa ntle, a tlhalosa fa molao o bolela fa mongwe le mongwe yo e leng gore o a bo a le teng ka nako ya fa molato o dirwa mme a sa tsee kgato o tsewa jaaka modira molato.

O tsweletse a re molato o sa ntse o le mosha e bile ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse, ka jalo fa ba ka gololwa, go ka kgoreletsa ditlhotlhomiso. Kgang e e tlaa tswelela gape ka kgwedi ya Phatwe e le malatsi a le lesome le bobedi kwa kgotla tshekelong ya Molepolole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Mmopi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Pego ya Sepodisi

Date : 01 Aug 2013