Breaking News

Ba tshwenngwa ke dipolao

01 Aug 2013

Mapodisi a Serowe a tlhalosa fa a tshwenngwa ke dipolaano tse di gaketseng kwa Serowe le tikologo.

Motshwarelela mapodisi a Serowe, Ass. Superintendent Thomas Nkoga, a re dipolaano di gaketse fela thata kwa kgaolong ya bone. O buile se morago ga gore go tlhokafale batho ba le bararo ka mafelo a beke.

Mo go bone, ba le babedi ba bolailwe, fa yo mongwe a ipolaile. Mo tiragalong ya ntlha, monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le bosupa, o fitlhetswe a rapaletse fa pele ga mabentlele kwa Serowe makuku a Matlhatso.

O tlhalositse fa rre yoo go fitlhwetswe a na le dintho tse di masisi mo dikgopong tsa moja le mo mafatlheng, mme go belaelwa a tlhabilwe ka sengwe se se bogale. Rre Nkoga a re go ne ga netefadiwa fa rre yoo a tlhokafetse kwa kokelong e kgolwane ya Sekgoma fa ditlhotlhomiso di tsweletse.

Mo go e nngwe, kwa merakeng ya Ditshepe, gaufi le Thabala ka Tshipi,  mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo o fitlhetswe a tlhokafetse mme go lebega a beditswe ka sengwe se se bogale mo tlhogong.

Rre Nkoga a re e rile fa mapodisi a ntse a le mo ditlhotlhomisong, ga fitlhelwa rre wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro a ipolaile, mme go lebega e le ene a bolaileng mme yoo.

A re go lebega fa bobedi joo e ne e le baratani, mme ka gongwe ba ne ba tlhoka kutlwisisano. Rre Nkoga o ne a kopa setshaba go nna ba kopa thuso fa ba na le mathata mo botsalanong ba bone. A re baratani ba tshwanetse go kopa thuso e tshwana le ya botsadi, ba boipelego kgotsa baoki go rarabolola mathata a bone e seng go gapa matshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 01 Aug 2013