Ba le bararo ba tlhokafetse mo kotsing
01 Aug 2013
Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone borre ba le babedi le mme mongwe, ba tlhokafetseng morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe bosheng.
Mogolwane wa mapodisi a Werda, Inspector Jimmy Rasina, a re kotsi eo e diragaletse mo tseleng ya A20, ya Tsabong/Sekoma, gaufi le Makopong. Inspector Rasina o supile fa koloi ya modiro wa Mercedes Benz e ne e pegile batho ba le bane go balelwa le ngwana wa mosetsanyana wa dikgwedi tse di lesome le boferabobedi ka nako e e neng e pitikologa.
Rre Rasina o kaile fa borre ba le babedi ba dingwaga tse di masome a mararo le boraro le masome a mararo le borataro le mme wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe ba ne ba tlhokafalela teng foo morago ga tiragalo eo, fa ngwana ene a ne a bona dikgobalo tse di masisi.
Mogolwane wa mapodisi a re borre ba babedi ba tlholega kwa Makopong fa wa mme ene a tlholega kwa Werda. Rre Rasina o kaile fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile kotsi eo, fa direpa di le kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong go tlhatlhobiwa ke ba bongaka, a supa fa ba masika ba setse ba itsisitswe.
O ne a tlatsa ka gore ngwana o sa ntse a le kwa kokelong ya Tsabong go alafelwa dkgobalo tse di masisi. Mogolwane wa mapodisi o ne a gakolola bakgweetsi le setshaba gore ba obamele matshwao a tsela ka dinako tsotlhe le go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 01 Aug 2013






