Breaking News

Lelatlhego o bewa kgosana

31 Jul 2013

Kgotla ya Moeti kwa Maun e tlhomile semmuso, Rre Cosmos Lelatlhego kgosana ya tetlanyo. O tlhongwa jaana morago ga leso la kgosana ya pele, Rre John Temane.

Rre Temane o tlhokafetse morago ga go lwala ka lobakanyana ngogola ka Tlhakole, mme Rre Lelatlhego a tlhophiwa motlhatlhami wa gagwe. E rile motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi a bua kwa tirong eo, a kopa Rre Lelatlhego go ikanya modimo ka nako tsotlhe le gore a seka a tagwa ke maemo mme a tloga a simolola go dira tse di seng mo tseleng ya bogosi.

O mo kopile go dirisanya thata le bomorwarraagwe mo tirong fa a batla go e dira ka manontlhotlho, a re a nne kelotlhoko thata mo go tse a di dirang le tse a di buang, a seka a amogela pipa molomo ka e ka mo senyetsa tiro.

Kgosi Kealetile o bile a mo kopa go dira ka natla fela jaaka Kgosi Temane a ne a dira, mme  a kopa morafe wa Moeti go tshwaragana le kgosana ya bone a bo a re e ne e re ka di nako tsotlhe fa a ba tlhoka kwa kgotleng e tona ba mo pate e se tsamae a le esi.

O tlhalositse fa Rre Lelatlhego a sale a dirile le batho bogologolo mo komiting ya ditlhabololo tsa motse, mme jaanong ba setse ba mo itse, a ba a ba kopa go dira le ene sentle gore a kgone tiro ya gagwe.

Mokhanselara wa Moeti Mme Botshelobokae Ramasu o ne a bolela fa Rre Lelatlhego a sale a ithutile motho, a santse a le Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mme a re o solofela fa gompieno a tlaa relela fela mo tirong ya gagwe.

A re ditiro tse di ntle tsa ga Rre Lelatlhego ke tsone di dirileng gore jaanong a bo a roba maduo ano.

Fa a latlhela la gagwe, Rre Simon Mmiti, yo e leng motsadi wa ga Rre Lelatlhego o ne a re o na le madi a bogosi, ka jaana batsadi ba gagwe e ne e le dikgosi.

O tlhalositse fa dikakgelo tsa dibui, di supa Rre Lelatlhego a sa ba tlhabisa ditlhong ka gope, a re kana Motswana a re moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla.

Rre Lelatlhego a re ene o tlaa kopana le dikgosi tse dingwe jaaka wa Botshabelo le wa kgotlana ya Shashe go mo thusa gore a kgone tiro ya gagwe, gammogo le  banana ba kgaolo eo gore ba kgone go akola mananeo a puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Peo ya kgosana

Date : 31 Jul 2013