Breaking News

Ba batla mmaagwe lesea

31 Jul 2013

Mapodisi a Maun a mo patlong ya ga mmaagwe lesea le le fitlhetsweng le latlhilwe e bile le tlhokafetse mo kgotleng ya Moeti ka mafelo a beke.

Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Kenanao Badumetse o boletse gore ba begetswe tiragalo eo ka Matlhatso ke mme mongwe yo a tlhalositseng fa e ne ya re phirimane ya letsatsi leo, a bona dintsa di dupa gaufi le jarata ya gagwe, di bo di katolola pampiri e ntsho.

Supt Badumetse o tlhalositse gore mme yoo o ne a fitlhela mophuthelwana o o neng o bofilwe ka letsela, o e rileng go o keleka a fitlhela e le lesea.

Mookamela mapodisi o boletse gore lesea le go neng go lebega le na le malatsi a mabedi le tshotswe, le ne la ragosediwa kwa kokelong e kgolwane ya Letsholathebe go tlhatlhojwa ke dingaka mme di fetile tsa rurifatsa fa le tlhokafetse.

Supt Badumetse o ne a kopa botsadi le setshaba ka kakaretso go ba thusa go batla mmaagwe lesea leo fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sarah Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 31 Jul 2013