Ba batla metsi a Ntimbale
31 Jul 2013
Baagi ba Butale kwa kgaolong ya Tati Botlhaba ba supile dingongora dingwe mabapi le khamphani ya metsi ya Water Ulitilties Corporation.
Ba ne ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalmente wa kgaolo, Rre Samson Guma bosheng. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Captain Njamela o boletse fa motse o batla go sielwa metsi a letamo la Ntimbale.
Rre Njamela a re go tlhabisa ditlhong gore metsi a Ntimbale a bo a akolwa ke batho ba dikgaolo tse dingwe bone ba utlwa a nkga fela, ka jalo a re a le bone ba a sielwe.
Mo go tsedingwe o ne a ngongoregela go tlhoka boammaruri ga ba WUC a re e sale ba tsere ditirelo tsa metsi go tswa kwa water affairs ga ba itse gore go diragala eng, bogolo jang ka dituelo tse di kwa go dimo tse ba di bonang.
A re gangwe le gape batho ba amogela makwalo a go duela metsi a le mararo, mme madi a teng a sa tshwane, a tlatsa ka gore o belaela bonweenwee. A re madi a dituelo tsa metsi a a lopiwang, ke a a boitshegang, mme ka jalo a kopa kompone eo gore e tsamaise ditirelo tsa yone sentle ka fa mokgweng.
Fa a tsibogela matshwenyego a metsi, mopalamente Rre Guma o ne a re ke boammaruri metsi a turu, a tlatsa ka gore seemo se tlaa baakanngwa mo tsamaong ya nako. Rre Guma o ne a kopa morafe go kgoba kgetsi, a re a dilo tsotlhe fa di simolola, di nna le makgwere mme phelelong go a siama.
O ne a bega gore go na le thulaganyo le madi a kana ka P300 060m a a lebagantsweng go thusa seemo sepe se se imelang kompone eo. Le fa go ntse jalo o ne a kopa lekalana leo go isa ditirelo tsa lone kwa bathong, mme ebile a re ope a seka a kgaolelwa metsi.
Mo go tse dingwe banni ba ne ba kopa kgokelo ya motlakase mo diofising tsa puso tsotlhe le matlo a bodirelapuso. Rre Njamela o ne a kopa gore mo kokelwaneng ya motse, go nne le mooki wa bobedi go thusa tiro bogolo jang fa o mongwe a seyo, a tlatsa ka gore fa mooki yo a leng esi, a dule ka tsa tiro, balwetsi ba sala fela mo legoeleleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Jul 2013






