Inaakanyeng le mekgatlho go tokafatsa matshelo
31 Jul 2013
Mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Michael Motshedi, a re e re ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi ka ntlha ya go phutlhama ga itsholelo ya mafatshe, go mo maruding a Batswana go inaakanya le makgotla a ba ka a dirisang go tokafatsa matshelo a bone le go tsweledisa ditlhabololo mo dikgaolong tsa bone tsa botlhophi.
Rre Motshedi yo e neng e le sebui sa tlotla mo moletlong wa go ipelela dingwaga tse nne tsa mokgatlho wa A re Itsanyeng, o o bopilweng ke bomme ba kgotlana ya Maphaphamane, o boletse fa nako e gorogile ya gore Batswana ba eme ka dinao go tsweledisa ditiro tsa metse ya bone ka boipelego go na le go ikaega ka dithuso tsa puso di tshwana le lenaneo la Ipelegeng.
Mokhanselara o gakolotse Batswana go boela mo mokgweng wa bogologolo wa go dira ditiro ka boithaopo go na le go leba fela mo pusong ka jaana e ka seka ya kgona sepe ntateng ya go farafarwa ke ditiro di tshwana le tlhokomelo ya batlhoki,masiela, bana le bogole le go dira ditiro tse dingwe tsa setshaba.
Mo tirong eo, e e neng e tshwaretswe mo kgotleng ya Maphaphamane batho ba Radisele go balelwa mothusa kgosi ya Maphaphamane Rre Bathusi Rajane, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo Mme Patricia Letlhogela, mmegadikgang Rre Mojaboswa Jabeng le Mokhanselara Motshedi ba ne ba abela mokgatlho wa Areitsanyeng P1 205 e le tsela nngwe ya go rotloetsa batlhami ba mokgatlho oo.
E rile Rre Rajane a tswa la gagwe a lebogela bomme ba Areitsanyeng go tlhama mokgatlho o o lebaganeng tsa tsa bobelotlhomogi jaaka go thusa mo dintshong le mo manyalong, mme a bolela fa go le mo maruding a baagi ba Radisele go inaakanya le mokgatlho oo ka go nna maloko gore e re kgabagare o kgone go bona dithuso fa ba le mo mathateng a tshwana le dintsho.
A re e re ka mokgatlho wa bone o gatetse pele ke tshwanelo ya bone go kwadisa mokgatlho oo kwa lephateng la tsa Pereko le Selegae gore ba kgone go nna le setlankana le molao motheo o o tlaa tsamaisang lekgotla la bone.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Radisele Mme Patricia Letlhogela, o ne a iteela Bomme ba Maphaphane legofi go bo ba simolotse mokgatlho o o ikaeletseng go thusa mo diphitlhong, mme a bolela fa jaanong e le sebaka sa batho ba ba dikobo-dikhutshwane go tsena mo mokgatlhong o o gore ba kgone go ipoloka go na le go ikaega ka dikhansele tse a tlhalositseng fa le tsone di lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : RADISELE
Event :
Date : 31 Jul 2013






