Banana ba Khudumelapye ba a ngongorega
31 Jul 2013
Banana ba Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lela ka tlhaelo ya ditlamelo mo motseng wa bone.
Kgang e dule ka mongwe wa banana ba motse oo, Rre Mogomotsi Chobo mo potsolotsong bosheng. Rre Chobo o supile fa a tshwenngwa ke letlhoko la ditiro le le aparetseng banana ba Khudumelapye, a supa fa a sa itumedisiwe ke gore motse wa bone o saletse kwa morago mo dilong tse di ntsi jaaka go tlhoka motlobo wa dibuka le sekolo sa bana ba bannye.
Mongwe wa banana, Rre Abel Peloesele o boletse gore o tshwenngwa ke seemo sa gore banana ba tlolwa ke mananeo a puso le ditiro tse dingwe ka mabaka a go sa bone dipampiri tsa dikgang ka nako. Le fa go ntse jalo, Rre Peloesele o akgotse maiteko a puso a go ntsha banana mo lehumeng le go ba tlhamela ditiro.
Fa a tswa la gagwe, monana wa moithaopi mo komiting ya ditlhabololo tsa motse, Rre Tshepiso Ramakese o supile fa mowa wa boithaopo o le botlhokwa ka o kgona go thusa mo dilong tse dintsi tse di amang matshelo a batho.
Rre Ramakese o tlhalositse fa e le moithaopi wa dikomiti di le mmalwa mo motseng di akaretsa komiti ya batsadi le barutabana ga mmogo le komiti ya motse ya ditlhabololo. O supile fa a tshwenngwa ke banana ba ba boitseme go dirisa dithuso tse di ntshiwang ke puso.
O tsweletse a rotloetsa banana ba ba sa berekeng go inaakanya le makgotla a a ikemetseng a boithaopo go na le go nna fela ba sa dire sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 31 Jul 2013






