Breaking News

Baithuti ba tlhatlhelelwa maitemogelo a itshetso

31 Jul 2013

Banana ba gakolotswe go dirisa mananeo a puso a go ba ntsha mo diphatseng jaaka go dira learo le le babalesegileng la bo rre.

Go buile jalo Kgosi Edwin Ramokobetwane wa Khudumelapye fa a bula dithuto-puisano tsa dikitso tsa itshetso tse di neng di rulagantswe ke ba DMSAC  ba na le baithaopi ba lefatshe la Amerika ba Peace Corps.

Dithuto tseo di tsenwe ke bana ba dikole tse di potlana tsa metse ya Takatokwane, Sorilatholo, Salajwe, Khudumelapye, Serinane le Ditshegwane. Kgosi Ramokobetwane o tsweletse a gakolola banana botlhokwa jwa go dira learo ba sale bannye gore  ba kgone go gola ka botsogo jo bo ntle. O kgothaditse batsena dithuto tseo go ikgapha le go reetsa dikgakololo tsa batsadi ba bone.

Kgosi Ramokobetwane o tsweletse a akgola ba DAMSAC go bo ba bone go le botlhokwa go tshwarela dithuto tseo mo motseng wa Khudumelapye.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Khudumelapye, Mme Gofentsemang Keotletswe o ne a kopa bana go nna pelo telele mo dithutong tsa bone le go di tsaya tsia. Mme Keotletswe o ne gape a galaletsa bana le seabe botlhe ba ba rulaganyeditseng thutuntsho e. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Thuto puisanyo

Date : 31 Jul 2013