Breaking News

Thusang Basadi e tsweletse sentle

16 Sep 2018

Mokgatlho wa Thusang Basadi o o tlwaelesegileng ka go thusa bomme ka madi go simolola dikgwebo tse dipotlana, o thusitse go kopanya setlhophana sa bomme go simolola kgwebo ya go dira botoro mo Palapye.

Morago ga go utlwalela ka lenaneo le le thusang ditlhophana tsa bomme ka madi a go simolola dikgwebo la Gender Affairs kwa Thusang Basadi, Mme Poloko Rannana (57) le Mme Gojewang Otsile (68) ba re ba ne ba kgatlhega mme ba batla bommata e leng Mme Mercy Musinga (58) le Mme Bontle Diane (60) go ka lekanya palo e e batlwang ya ikopelo ya madi.

Bomme ba, ba botlhe ba tlholegang kwa Palapye, ba re lentswa go ne go le dingalonyana, ba ne ba nna pelotelele mme ba dira tsotlhe tse ba neng ba di lopiwa go ka thusiwa ka madi ka 2011.

Ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, maduo a mofufutso wa bone a bonala go ise go ye kae ka ba ne ba thusiwa ka P198 000 ka 2012 go ka simolola kgwebo ya Tshwaragang Basadi Peanut Butter.

Mo potsolotsong le BOPA, Mme Rannana o supile fa kgwebo ya bone e itebagantse le go sila manoko go dira botoro.

A re manoko ba a reka kwa Afrika Borwa ka jaana a a bo a tlhatlhobilwe go netefaditswe gore a siametse go ka dirisiwa.

A re loeto lwa bone e ne e se lo lo bonolo mme ka thata ya Modimo ba kgonne gore le mo nakong ya gompieno ba bo ba tshwareletse.

O tladitse ka go tlhalosa gore ba simolotse kgwebo ya bone e le bagolo fela mme seo sa ba berekela ka jaana le fa go nna le mathata ba nna le mowa wa boitshoko le bopelotelele gammogo le go buisanya.

“Fa re simolola kgwebo go ne go le thata letseno le re neng re le dira le felela mo kgwebong re sa kgone le go ikamogedisa sepe, mme ka rotlhe re le bagolo ra itshoka fela ka tsholofelo ya gore go tlaa siama.

Mo bogompienong re kgona go nyenya le rona fa kgwedi e fedile re itse gore lemmenyana la go rekela bana phaletshe re tlaa le bona,” ga tlatsa Mme Rannana.

Thusang Basadi e ikaegile ka bareki ba ba tlang ka bongwe ka bongwe go reka botoro kwa madirelong le fa beng le bone gangwe le gape ba dira maiteko a go ya go rekisetsa batho kwa metseng, mafelo a a nang le metsamao e mentsi ya batho le kwa diofising.

Mme Rannana a re ngogola ba ne ba latswiwa ke tlhware ka ba ne ba tlhophiwa go ka thusa bana ba dikole ka botoro.

A re seo se ba thusitse go phunyeletsa mo kgwebong ka se ne sa tsisa letseno le le botoka mo nakong e khutshwane ka jaana ba ne ba nna le monyetla wa go dira botoro e ntsi.

Ka kgwebo e seke e tlhoka dikgwetlho, a re le bone ba ralala dikgwetlho, nngwe ya tsone e le go tshwenngwa ke kgang ya lefelo ka jaana ba lefa madi a a fetang P18 000 ka ngwaga fa ba direlang teng, a supa gore go ka nna bonolo fa ba lephata la ditsha ba ka amogela kopo ya bone mme ba ba fa lefatshe.

Go bo ba tlamega go reka manoko kwa ntle ga lefatshe le gone go supega fa ele petso e e botlhoko mo Thusang Basadi ka jaana go le turu.

Go ya ka Mme Rannana ga ba kgone go reka mono gae ka jaana Batswana ga ba ise ba tsibogele temo ya go tlhatlhoba mmu mme seo se ba baya ka fa mosing ka jaana manoko a tlhatlhojwa gammogo le yone botoro pele e ka rekisediwa batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 16 Sep 2018