Bogodu jwa leruo bo a tlhobaetsa
16 Jan 2013
Barua kgomo kwa Mokobeng mo kgaolong ya Tswapong Borwa ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu jwa dikgomo.
Mokhanselara wa Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu o ikuetse mo mopalamenteng wa kgaolo, Rre Oreeditse Molebatsi mo phuthegong e e neng e rulaganyeditswe go lekodisana ka tsa kgaolo kwa Sefhare bosheng.
Rre Molamu a re le ntswa seemo se se tlhobaetsa, sebe sa phiri ke gore ba sepodisi ga ba se tsibogele nako e le teng ka jalo selo se se dire gore dikgang tsa bone di tsee nako e telele go sekwa.
A re seemo se ga se ba itumedise mme a supa gape fa le bone ba belaelwa ba kgona go felela ba tswa ka phatlha tsa menwana ba santse ba emetse ditsheko.
Fa a tswa la gagwe, mookamela mapodisi a Machaneng, Superintendent Peggy Vakalisa a re mo ngwageng ono ba ikaelela go tsibogela tsotlhe tse di saletseng kwa morago.
O ne a tlhalosa fa tlhaelo ya bodiredi e le yone e bakang gore nako tse dingwe ba nne maoto a tshupa go thusa setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jan 2013






