Breaking News

Mooki o ikgapetse botshelo

31 Jul 2013

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa mooki wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa, a ipolaileng bosheng.

Ramapodisi a Serowe, Superintendent Paul Molapisi, o tlhalositse fa tiragalo eo e diragaletse  kwa Serowe, kwa kgotleng ya Sesoma. Mme yoo ene o tlholega kwa  kgotleng ya Botalaote, mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse. Rre Molapisi a re ditiragalo tsa mofuta o di tlwaelesegile, mme fa e le mo go bomme, ga di a tlwaelesega thata.

O gakolotse setshaba go ikgolaganya le bogakolodi go kopa thuso, a tlatsa ka gore go buisana le tsala ke nngwe ya tse di botlhokwa fa go nna le diemo tse di bokete.

O bile a gakolola setshaba ka ditlamelo tsa bogakolodi tse di bonwang kwa dikokelong, tse di nang le bomaitsenape, a tlatsa ka gore go ikgapela botshelo ga se tharabololo ya mathata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sethunya Malaakgosi

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 31 Jul 2013