Ba batla mokwaledi
16 Jan 2013
Banni ba Papatlo mo kgaolong ya Borolong ba kopile mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Kitso Mokaila go ba tswa thuso ka jaana ba sa jesiwe di welang ke go tlhoka mokwaledi mo kgotleng.
Ba boletse mo phuthegong ya kgotla gore ba na le dikgwedi di ferabongwe ba ntse ba lela ka mokwaledi mme go se na nko e e tswang lemina. Ba re ditiro tsa ga kgosi jaaka ditsheko di eme tsi! ka jaana go sena ope yo o di kwalang.
Baagi ba supile fa le morafe jaanong o setse o tsenwa ke boitlhobogo mo go batleng dithuso kwa kgotleng ka jaana ba itse gore ga ba kake ba e bona. Ba re bangwe ba setse ba retelelwa ke gone go tlaa tsisa dikgang tsa bone bogolo jang tsa go jelwa mo masimo ke leruo. Ba kopile gore kgang eo e tsibogelwe ka bofefo ka e baya morafe ka fa mosing.
Kgosi ya Papatlo, Kgosi Alex Seru o ne a supa matshwenyego ka banana a re ba itlhokomolosa mananeo a puso a a lebaganeng le go tokafatsa matshelo a bone mme ba ipatla fela mo lenaneong la Ipelegeng.
Moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo, Rre Patle ene o ne a bolela fa e le nnete banana ba tshologetse Ipelegeng ka dipalo tse di kwa godimo.
A re banana ga ba na sepe le go betla bokamoso jwa bone a tlatsa ka gore mananeo a puso a a teng a mantle thata e bile a ka ntsha maduo.
Fa a ba kgwa dikgaba, mokwaledi mogolo wa makgotla a Setswana o ne a solofetsa banni fa kgang ya mokwaledi e tlaa tsibogelwa. O ne a kopa maitshwarelo ka tiego a re ke phosego e e diragetseng mme a supa fa dilo di tlaa boela meriting.
Rre Mokaila ene o ne a supa fa puso e rotloetsa banni go bopa ditlhopha gore ba kgone go thusiwa ka didiba tse di sa dirisiweng. A re ke boammaruri bodiredi bongwe bo adima tshwene marapo mme a kopa gore mokgwa oo o fele.
E re dikgang di eme jalo, banni ba Ngwatsau bone ba ikuetse ka go tlhoka mooki ba supa fa ba patelesega go tsamaya sekgala ba latela ditlamelo tsa botsogo.
E ne ya re a tsibogela dikgang tseo, mooki go tswa kwa Good Hope, Mme Boitumelo Korwe a tlhalosa fa go tlaa tsaya nako go tlisa mooki mo Ngwatsau ka jaana puso e sena madi a go hira.
A re kokelo ya Good Hope le yone e na le mathata a tlhaelo ya baoki a tlasa ka gore ba dira ka baoki ba le masome a mane le boraro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jan 2013






