Breaking News

Mokodue go tsosiwa o o itekang

30 Jul 2013

Modulasetilo wa kgaolo potlana ya khansele ya Moshupa mokhanselara, Rre Lentswe Mosanako, o rotloeditse batlhoki ba ba mo lenaneong go intsha kwa morago, ba inaakanye le mananeo a puso a a leng teng ka go twe mokodue go tsoswa o o itekang.

O buile jalo fa buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Lotlhakane Bophirima mo bosheng.

Rre Mosanako o boletse fa puso e sa tlhole e na le madi a a lekaneng, jaanong Batswana ba ba mo mananeong a botlhoki ba tshwanetse go iteka thata go dirisa mananeo a puso.

O ne a ngongorega ka bangwe ba lephata la boipelego, a re ba kwala batho ba e seng batlhoki mme ba tlogele bone batlhoki tota.

O kopile maloko a komiti ya ditlhabololo le dikgosana go thusa bodiredi go sekaseka batlhoki.

O boletse gore madi a ditlhabololo ka bontsi a isitswe kwa mananeong a namola leuba.

O kgothaditse baagi ba Lotlhakane Bophirima go ikwadisetsa lenaneo la SHHA go ikagela matlo.

O boletse fa mananeo a temothuo le one a le matsorotsoro mme Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao, ba inaakanye go inamola leuba.

Mokhanselara Mosanako o ntshitse ngongorego ka batsadi bangwe ba ba sa tlhokomeleng bana ba bone ba ba nang le bogole, a bolela fa ba bangwe ba sa ntse ba bewa kwa mahure.

O boletse fa puso e na le mananeo a a ba siametseng, a a tshwanetseng go dirisiwa. Rre Mosanako o ba boleletse fa tsela ya bone ya Lotlhakane/Moshupa jaanong e bonetswe madi go tla go tshelwa sekonotere pele ga ngwaga ono o fela.

O boletse fa tsela e ne ya emisiwa ka letlhoko la madi a apesitseng kobo ka letshoba.Banni ba amogetse go dirwa ga tsela, e ba boletseng ba ne ba setse ba tlhobogana le puso ka ba sale ba e solofetswa bogologolo.

Ba boletse fa dipalamo tsa setshaba di

tlaa kgona go tsamaela kwa Lotlhakane sentle le gore bagwebi ba tlaa kgatlhegela go ya kwa motseng wa bone.

Ba ngongoregile ka bogodu jwa leruo le tiego ya go dira matsalo a bana. Kgosi ya motse Rre Boitshwarelo Difemo, a re lenaneo la nyeletso lehuma la ditshingwana tsa merogo ga le ntshe maduo ka ntlha ya tlhaelo ya metsi.

Kgosi Difemo o boletse fa bana ba sekole ba sa tsene sekole sentle kwa Moshupa ka ba nna ba le nosi.

O kopile gore puso e age dikole tse dikgolwane tsa Moshupa go nna le matlo a boroko gore bana ba Lotlhakane ba tle ba nne mo teng go na le kwa motseng ka gore ba a itaola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MOSHOPA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 Jul 2013