Tiragatso ya mananeo ga e kgotsofatse
30 Jul 2013
Mothusa tona wa tsa Madi le Ditogamaano tsa Ditlhabololo Rre Vincent Seretse a re tiragatso ya mananeo a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo e saletse kwa morago.
O ne a bua le bagolwane ba khansele kwa dithuto puisanong ka ga nnyeletso lehuma, di diretswe ba ba thusiwang ka mananeo a nyeletso lehuma kwa pitsong ya nyeletso lehuma kwa Chanoga.
Rre Seretse o ne a re thulaganyo eo e tseelwa kwa godimo ke puso ka jaana e lebagane le batho ba ba tlhokang mo malwapeng.
“Fa o fetola matshelo a batho ba gore ba se tlhole ba ikaega ka puso le batho babangwe, go ba fa seriti” a tlhalosa. Rre Seretse o bile a re madi a batho ba ba tlaa a dirang a tlaa tokafatsa botshelo ja bone.
Batho bano ba rutuntshitswe mme jaanong ba tshwanela go leta didirisiwa lobaka lo lo leele, mo go ba kgobang marapo.
O tlhalosistse fa thomo ya gagwe e le go bona tswelelopele mo go diragadiweng ga mananeo a, le go lwantsha dikgwetlho tsa one.
Mothusa tona o ne a re o tlhaloganya matshwenyego a bagolwane ba puso ka ga matswakabele a a mo mananeong a go reka didirisiwa.
“Dititro dingwe tse ke setseng ke di etetse kwa Maun le tikologo di a kgotsofatsa,” a bolela. “Ke tsholofelo ya puso gore bagwebi bano ba tlaa gola go nna ba maemo a a fa gare, mme ba ikemele ka nosi, kwa bofelong ba bo ba thapa batho babangwe,” a tlhalosa.
Rre Seretse o boletse fa maduo a a solofetsweng e le gore e re kgabagare batho ba ba thusiwang ba itsetsepele ba itshepe mme ba nne batho ba ba nang le itshelelo ba tla ka megopolo ya ditlhabololo.
Fa a latlhela mogolwane wa tsa boipelego wa kgaolo Rre Uyapo Mafunye o ne a tlhalosa gore mo bathong ba ba sekete ba ba neng ba kgethilwe go thusiwa ka mananeo, jaanong ke ba le 737 fela ba ba tlaa a neelwang ka jaana ba ba 116 ba ne ba phimolwa. Ba ba setseng ba itlhophetse mananeo a sele kwa ntle ga a a 17 a a kailweng ke puso.
Bangwe ba bathusiwa ba mananeo a nyeletso lehuma ba Mothuona a neng a kopana le bone ke Mme Odirile Gakelona le mme Taboka Puo ba ba boletseng fa kghwebo ya bone e gola e bile ba kgonne go bula polokelo kwa bankeng.
Ba re ka kgwebo ya bone ya go apaya le ditante ba kgonne go thusa ba Tsamaiso morafe kwa Maun le ABM University College.
Ba re nyeletso lehuma e ba thusiste go tshetsa ba malapa a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : CHANOGA
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 30 Jul 2013






