Breaking News

Ditshupo di tlosolositswe

30 Jul 2013

Ditshupo tsa kgaolo ya Kgatleng tse di neng di solofetswe go tshwarwa kgwedi e e tlang, di tlosolositswe.

Ditshupo tse di tlosolosiwa jaana morago ga gore komiti ya ditshupo e retelelwe ke go baakanyetsa ditshupo tseo ka nako.

Modulasetilo wa komiti eo, Rre Phagane Tladi, o boleletse gore tshenyo e e dirilweng kwa lebaleng la ditshupo ke yone e ba diileng fela thata ka ba tshwanelwa ke go baakanya lebala.

Tladi a re ba ne ba retelelwa ke go baakanya lebala ka jaana matlo le matlwana a ditshupo a sentswe mme go tlhokana le madi a mantsi go baakanya tshenyo eo. 

A re dithoto tsa kwa lebaleng la ditshupo le tsone di utswile mme seo se ba beile mo kgatelelong ya go baakanya lebala.

Rre Tladi o ne a tlatsa ka gore e re ka ditshupo tsa Kgatleng di na le dingwaga di ka nna pedi di seyo, seo se bakile gore lebala la ditshupo le nne sekgwa mme go nnile thata mo go bone go rema ditlhare tse di tletseng mo lebaleng leo.

A re o dumela gore le yone tshenyo eo e bakilwe ke gore go nnile sebaka go se na ditshupo mme bangwe batho ba bona sebaka sa go gopela dithoto tsa lebala la ditshupo jaaka matlo a setse a se na disenke.

Tladi a re ba ne ba kopa thuso kwa Ipelegeng go leka go fokotsa sekgwa seo ka jaana ba se na madi mme ba nona pelo ka mathe ba solofela thuso mme Ipelegeng ya se ka ya ba tswa thuso e kalo ka gone ga tla palo e potlana go rema ditlhare tseo.

O ne a tlatsa ka gore e rile bona seemo sa baakanyo se sa tokafale ba ne ba bitsa batsaya karolo botlhe mme ga dumelanwa gore ditshupo tseo di tlosolosiwe.

Rre Tladi a re selo sengwe se  se neng se sa ba jese diwelang e ne ya nna gore dikomiti tsa kwa dikgaolo tse dingwe go ne go lebega di sa tshwaragana sentle mme seo se ne se tlile go dira tiro bokete.

A re tiro ya go baakanya lebala ga e na go ema le bokopano jwa bone bo tlaa tswelela bo le teng gore ngwaga o o tlang sengwe le sengwe se bo se eme mo maemong a sone.

Tladi a re o kopa maphata a puso go ba ema nokeng gore ditshupo tsa kgaolo ya Kgatleng di tle di boele mo serodumong tsa sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 30 Jul 2013