Breaking News

Tautona o akgola setlhopha sa Shoshoruka

30 Jul 2013

Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama o akgoletse setlhopha sa Shoshoruka, sa mmino wa seperu go tsaya maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa ditlhopha tsa bodiragatsi ka malatsi a boikhutso a a sa tswang go feta.

E rile fa a etetse kwa motseng oo mo bosheng, Tautona a supa fa a kgatlhilwe ke setlhopha seo fela thata, mo e bileng a se laleditseng go tla go diragatsa kwa moletlong wa segopotso sa boipuso.

Tautona o ne a lebogela le Kgosi Sarefo Mombeko wa motse oo, go rotloetsa morafe wa gagwe go tshwaragana le go tsenelela dikgaisano.

O ne a tlhalosa ka gore talente ya setlhopha seo e thusitse maloko a sone gore a nne a lalediwa go tla go diragatsa mo Gaborone fa go na le baeng ba ba tswang kwa mafatsheng a  sele.

Morulaganyi wa ditiro tsa setlhopha seo, Rre Lethebe Sethwara, o ne a tlhalosa gore ba ne ba dira dipaakanyo tse di tseneletseng, jaaka ba ne ba nna dikgwedi tse pedi le sephatlo go itlhokotsa ba le mo lefelong le le lengwe, a supa gore kakgolo ya ga Tautona e ba tiisitse moko, a bo a kgothatsa banana go itshetsa ka ditalente tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : IKGOGA

Event : Kgotla Meeting

Date : 30 Jul 2013