Ba rotloediwa go tlhokomela tikologo
21 Aug 2018
Motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare o kopile morafe wa gagwe go tlhokomela tikologo, bogolo jang malwapa.
Kgosi Motshegare o buile jaana kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la go phepafatsa tikologo mo kgaolong ya Borwa, le le neng le tshwaretswe kwa Goodhope bosheng.
O tlhaloseditse morafe gore go botlhokwa go nna fa go leng phepa teng ka jalo ba tshwanetse go duelela gore matlakala a bone a tsewe ke khansele.
O ne gape a ba gakololola gore ba nne le ditanka tsa matlakala gore motse wa bone o nne o le phepa.
Kgosi o ne a supa gore e re le mororo bangwe ba itse ka go phepafatsa tikologo, banni ba tlhoka thuto e e tseneletseng.
O supile gore bophepa bo botlhokwa, a tlhalosa gore fa motho a nna mo segotlong se see seng phepa, batho ba ka mo nyenya.
O ba gakolotse fa lefatshe e le mpho ya Modimo, ka jalo gole botlhokwa gore ba tlhokomele tikologo.
E rile a supa moono wa letsatsi mokwaledi wa khansele-potlana ya Goodhope Rre Robert Rabasimane a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi e le go tsibosa setshaba ka mosola wa go tlhokomela tikologo ya bone.
Mme Rabasimane o tlhalositse gape fa ba tsile go lemoga le maiteko a ba a dirileng e le kgaolo go leka go phepafatsa tikologo.
O tlhalositse gore go botlhokwa gore ba ka thusana jang go fedisa tiriso ya sekhakha se a supileng fa se tlatsa tikologo leswe.
O supile fa matlakala a kgona go dirisiwa go itshetsa, a a fa sekai sa gore dikara tsa ditonki di ka thusa go phepafatsa tikologo ka go tsaya matlakala.
Mookamedi wa kompone ya Encyclo, Rre Mothusi Mohutsiwa yo kompone ya gagwe e itebagantseng le go phepafatsa tikologo, o tlhalositse fa tiriso ya sekhakha e oka malwetse jaaka kankere.
O tlhalositse fa e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe go nna motlhokomedi wa tikologo, a tlatsa ka go gakolola botlhe gore jaaka puso e emisa tiriso ya sekhakha, ba obamele molao oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOODHOPE
Event : Letsatsi La Phepafatso Tikologo
Date : 21 Aug 2018



