Breaking News

Tsayang diteseletso tsa dibapalwa nageng

30 Jul 2013

Moemedi wa lephata la dikgwa, Rre Lesego Habangana, o rotloeditse gore Batswana ba ba gwebang ka dibapalwa nageng di tshwana le dikgong, maungo le bojang, go tsaya diteseletso ka go na le molato o ba ka o lebisiwang segolo jang fa ba ka tswelela ka go gweba ba se na diteseletso.

E rile a bua kwa phuthegong ya khansele potlana ya Kweneng kwa Molepolole mo bosheng, Rre Habangana a re ba rotloetsa thata mananeo a a tlaa inolang batho mo lehumeng la nta ya tlhogo. O ne a tlhalosa gore ba lemogile gore Batswana ba ka ithusa ka dibapalwa nageng go itshetsa, mme go na le melawana e ba tshwanetseng go e sala morago, go tila go otlhaiwa.

O tsweletse ka go supa gore pele ga ba neela motho teseletso ba ya go bona lefelo le a le beileng leitlho mme ba mo fe teseletso fela fa e le gore kwa a go kaileng go setse go ka bapalega.

O ne a gwetlha Batswana gore ba ititee ka thupana ba tsee diteseletso go gweba ba phuthologile.

Rre Habangana o bile a tsibosa Batswana gore ba tshwanetse ba ela tlhoko ditlamorago tsa go bapala pheteletsa ka go felela go kgotha lefatshe, a tlatsa ka gore, batho ba ba itshetsang ka dibapalwa nageng ba tshwanetse go inaakanya le ba lephata la dikgwa go itse thata ka melao le tsamaiso ya go gweba ka dibapalwanageng le go laola seemo se.

O ne a tswelela a kopa Batswana gore ba tsibogele melelo ya naga, ka a tlhalosa gore ka go dira jalo, ba tlaa bo ba tlamela ditsabone e leng tsone dibapalwanageng.

O ne a tlatsa ka gore fa ofisi ya gagwe e se yong teng, go tshwanetse go itsisiwe mapodisi le ba bogosi pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego Ya Khansele

Date : 30 Jul 2013