Breaking News

UDC e a ipapatsa

29 Jul 2013

Batswana ba kopilwe go fetola maikutlo a bone mme ba tlhokomologe phathi e e busang ya Botswana Democratic (BDP), ba tlhophe lekgotla la diphathi tse tharo e bong Umbrella for Democratic Change (UDC) mo ditlhophong tse di tlang tsa 2014.

Go kopile jalo dibui kwa phuthegong ya phatlalatsa ya Botswana People’s Party kwa Nlapkhwane, mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima mo bosheng.

Dibui di tlhalositse fa BDP e paletswe ke go golola Batswana mo mathateng a ba leng mo go one, mo dingwageng tse di masome a mane le bosupa e ntse e busa lefatshe leno, ba re diphathi tsa BPP, BNF le ya BMD, tse di ka fa tlase ga UDC ke tsone fela tse di ikemiseditseng go lwela ditshwanelo tsa Batswana le go ba fa ditlamelo tse di tshwanetseng.

Bagolwane bao ba diphathi, ba supile puso ka monwana, ba re e paletswe ke go dira maiteko mangwe a go nyeletsa lehuma mo bathong.

Ba tlhalositse fa lenaneo la nyeletso lehuma le dirisa madi a a seng kana ka sepe fa go twe le isitswe kwa bathong.

Ba re BDP e feletswe ke megopolo ya go thusa Batswana, ba tlhalosa fa banni ba kgaolo ya Tati Bophirima ba tswa kgakala ba lela ka ditsela tse di sa tsamaegeng mme go se nko e tswang lemina.

Mongwe wa dibui, Rre Richard Gudu, o ne a re go busa ka lobaka lo loleele ga BDP, ke gone mo go dirang gore e nne diphatsa ka e setse e itlhokomolosa dilelo tsa Batswana.

Rre Gudu a re go tlhaela ga lefatshe mo kgaolong ya Bokone Btlhaba go a tshwenya fela thata, a tlhalosa fa mathata ao a bakwa ke go bo kgaolo eo e dikaganyeditswe ke dipolasi tsa beng, tse bontsi jwa tsone e leng tsa batswakwa.

A re fa bone e le ba UDC, ba ka fiwa sebaka sa go busa lefatshe leno, ba ya go itebagabanya le mathata otlhe a a amang Batswana, segolo bogolo ba itebaganya le kgang ya thaelo ya lefatshe le go tlhomamisa gore Batswana ga ba jewe ntsoma fa ba amogwa masimo a bone go sutela ditlhabololo tse di dirwang.

Rre Gudu o tsweletse a bolela fa go swabisa go bona bokamoso jwa bana ba lefatshe leno bo setse bo ikaegile mo Ipelegeng, a tlatsa ka gore go a gakgamatsa gore bana ba Batswana ba ba dirileng dithuto tse di fa godingwana ba bo ba gobeya mo mebeleng ba lebanwe ke mathata a matona a go tlhoka mebereko le ntswa lefatshe leno le humile e bile itsholelo ya lone e melediwa mathe ke mafatshe a mangwe.

A re e re le ntswa khumo ya lefatshe leno e le teng, sebe sa phiri ke go tlhaela ga megopolo ya go e tsamaisa le go e laola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : NLAPKHWANE

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 29 Jul 2013