Breaking News

Seemo sa ditsela le metsi se a tshwenya

29 Jul 2013

Go kaiwa fa seemo sa ditsela mo kgalong potlana ya Letlhakeng ga mmogo le tsamaiso ya metsi ya kompone ya Water Utilities di tshwenya thata.

Makhanselara ba kgaolo potlana eo ba supile  fa ba na le lesokolela ka tsamaiso ya kompone eo ya metsi bogolo jang mo tsamaisong ya kgokelo ya metsi, dituelo le tsibogo ya go baakanya dipompo.

Modulasetilo wa khansele potlana e, Rre Tshoganetso Leuwe o ne a ntsha matshwenyego a gore go tsaya lobaka gore kompone ya Water Utilities e tsibogele dipego tsa go senyega ga dipompo mo go bakang gore metsi a senyege a le mantsi.

 Fa a baya khansele lefoko mogolwane go tswa mo komponeng ya metsi mme Portia Keakabetse o ne a tlhalosetsa khansele gore matshwenyego a metsi a bakwa ke leruo le batho ba ba bulelang metsi ba bo ba sa a tswale, a re ba dira bojotlhe go tsibogela dilelo tsa Batswana ka bonako.

Khansele e ne gape ya itela  ka seemo sa ditsela mo kgaolong potlana ba kaya fa gotlhelele di sa kgatlhe. Fa a akgela mokhanselara wa Moshaweng Rre Tshepiso Lesope o ne a gatelela gore kwa kgaolong ya gagwe ditsela ga di mo seemong se se nametsang a tlhalosa fa kgang eo e buetswe ruri mme go sena tokafalo epe.

Mokhanselara wa Takatokwane mme Neo Segaise o buile a menne phatla a re kgang ya ditsela tse di sa itekanelang e tshwenya thata, a re kgaolo potlana ya Letlhakeng e amilwe thata ke seemo se.

O tladitse ka gore seemo  se se diphatsa mo matshelong a batho, mme o tshwenyega thata  ka kgang eo ya ditsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 29 Jul 2013