Breaking News

Banana ba intsha kwa morago

28 Jul 2013

Moroto wa o esi ga o ele.

Go boletse jalo mokhanselara wa Gabane Bokone botlhaba mo kgaolong ya Kweneng, Rre Ofentse Mareme fa a bua ka tshwaragano ya gagwe le banana mo go tlhabololeng motse oo. Mokhanselara Mareme o tlhalositse gore o itumelela seabe sa banana ba Gabane mo ditlhabololong tsa motse oo.

O boletse fa maikaelelo a gagwe e le gore fa a wetsa dingwaga tse tlhano le tiro ya gagwe kwa khanseleng a bo a na le seabe se se kwa godimo mo go berekeng le banana mo go tlhabololeng motse oo.

O tsweletse a re gantsi ba bitsa diphuthego ba buisana ka ditlhabololo tsa motse le banana mme ba abelane megopolo, a re le fa ba ise ba fitlhelele ditoro tsa bone mme tema e a bonala le mororo motse o saletse kwa morago mo ditlhabololong jaaka ditsela.

Rre Mareme o supile fa ba tlhamile mokgatlho wa banana o o itebagantseng le ditlhabololo o mo go one ba abelanang megopolo ka dikgang tseo.

 A re bosheng o ne a ikopanya le banana ba motse fa ba ne ba simolola tiro ya go tlhabolola masingwana a merogo mo dikoleng tse di potlana mo motseng, a bolela fa ba simolotse tiro eo ka go aga tshingwana ya merogo kwa sekoleng se sebotlana sa Pule Memorial.

O kaile fa ba lemogile gore temo ya masingwana e nyeletse bogolo jang mo dikoleng ka jalo ba bone go le molemo go busetsa moono oo.

Mo go tse dingwe mokhanselara Mareme o ne a supa gape fa a ititeile sehuba go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng jaaka ba-na-le bogole le batlhoki.

O kopile banana ba ba saletseng kwa morago go ititaya ka thupana go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse, a re banana ba tshwanetse go tsholetsa lentswe la bone le go dirisana le baeteledipele ba bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 28 Jul 2013