Breaking News

Puso e fa ba-na-le-bogole botsipa

28 Jul 2013

Puso e supile maiteko a yone a go sa kgethololeng ba-na-le bogole ka go ba akaretsa mo lenaneong la go tlhatlhelela  banana maitemogelo a ditiro a gantsi a tlhokwang fa go hirwa.

Lenaneo la go fa banana maitemogelo kgotsa dikitso le simolotse go rutuntsha ba-na-le bogole ba le lekgolo kwa kgaolong ya Bobirwa kwa  Bobonong

Mogolwane wa ofisi ya banana yo o itebagantseng le lenaneo le go tswa Gaborone, Rre Moses Knight o tlhalositse gore nako e tsile ya gore ba-na -le bogole ba fiwe boikarabelo le sebaka sa go direla lefatshe leno fela jaaka Motswana mongwe le mongwe.

Rre Knight o tlhalositse fa lephata la gagwe le rutuntsha banana ba ba nang le bogole kwa mafelong a go nang le diofisi tsa banana. A re ba simolotse thutuntsho e kwa Mahalapye, mme a kaya fa Bobonong e le lefelo la bobedi go tshwarela thuto tse teng.

O tlhalositse fa ba tlaa  rutuntsha banana ba le lekgolo mo lefelong lengwe le lengwe, mme ba dirisanya thata le ba ofisi ya boipelego go tlhopha ba-na-le bogole ba ba ka dirang le bone.

O tlhalositse gape gore mo thutuntshong e ba dira le maphata a a farologanyeng a akaretsa sesole sa Botswana le maphata a puso a tshwana le la botsogo.

Rre Knight o tlhalositse fa thutuntsho e, e le ya malatsi a matlhano mme  e re e fela dialogane di bo di fiwa dintlankana. A re maikaelelo a go tshwara dithuto tse ke go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go se kgetholole ba-na-le bogole.

O boletse fa e tlaare mo bogaufing ba-na-le bogole ba isiwe sebaka sa ngwaga mo maphateng a a farologanyeng a puso go ithutela ditiro tse di farologanyeng.

Rre Knight o kopile badirela puso go amogela sentle ba-na-le bogole ba ba tlaa tsisiwang go ithutela ditiro kwa diofising tsa bone gore ba tle ba atlege mo ithutuntshong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG

Event : Thutuntsho

Date : 28 Jul 2013