Breaking News

Moletsi wa setinkane o batla go gola

26 Jul 2013

Rre Nyamadzamo Kgaogano ke moletsi wa setinkane yo o tlholegang kwa Rakops, yo gompieno e leng moagedi wa Palapye.

Rre Kgaogano, yo o dingwaga tse di masome marataro le boraro, o boleletse BOPA gore o simolotse go letsa setinkane bogologolo e sa ntse e le mosimane, a sena go kgothadiwa ke mogolowe yo e leng moletsi e bile e le modiri wa ditinkane.

O tlhalositse fa a setse a tlhamile dipina mme a eletsa di ka tshamekwa mo seromamoweng sa setshaba gore a tlogelele bana boswa.

Rre Kgaogano o kile a tsena dikgaisanyo tsa ditinkane kwa Rakops mme a tsaya maemo a ntlha, a tswelela a ya kwa Letlhakane kwa a neng a tsaya maemo a bobedi a bo a ikgapela dikete tse tharo tsa dipula.

O tlhalositse fa ngogola e ne e le mongwe wa badiragatsi mo moletlong wa boipuso mo kgotleng ya Palapye.

Rre Kgaogano o tlhalositse fa setinkane e le seletso sa Setswana se se kgonang go dirisiwa go buisana mo boemong jwa go dirisa mafoko.

A re le ntswa a na le bokgoni le lorato lwa go letsa setinkane, ga a kgone go tsena dikgaisanyo ka bontsi ka gore ga a ke a utlwa melaetsa ka ga go tshwarwa ga tsone ka nako. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Boitshepo Kedikilwe

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 26 Jul 2013