Breaking News

Mapalamente ba dumela molao kakanyetso

24 Jul 2013

Mapalamente a dumelane ka bongwefela jwa pelo molao kakanyetso wa tsenyo tsetla mo molaong wa lekgotla la boikuelo la Setswana wa 2012 No. 21 wa 2012 (Customary Courts {amendment} Bill, 2012 {No. 21 of 2012}).

E re le fa go ntse jalo, e ne ya re ba a akgela mo molaong kakanyetso o ba neng ba o bewa pele ke tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, gape e le mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele,  mapalamente a supa matshwenyego a bone segolo bogolo ka seemo sa makgotla a Setswana.

Mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi o ne a ngongorega thata ka seemo se makgotla a mantsi a Setswana a a senang bonno jo bo siameng le ntswa a tshwere tiro e e bokete ya go sekisa dikgang tse di farologaneng tsa metse.

Rre Mmolotsi o ne a fa sekai ka kgotla ya Phase IV kwa Francistown, e a reng seemo sa yone se utlwisa botlhoko, segolo bogolo motho a lebelela fa bookamedi jwa lekgotla bo  direlang teng.

Rre Mmolotsi o boletse fa ofisi e e le nnyennyane e bile e ka baka mosuke fa batho ba tsile go kopa thuso. O ne bolela fa kgotla la Phase IV e na le le setsha se le saleng le se bewa mme a kopa gore fa go ka bonwa madinyana go agelwe babereki ba kgotla eo diofisi.

“Kgang e e ne e le mo lenaneong la ditogamaano tsa lefatshe mme ke ne ka kopa gore tona o senke madi golo gongwe ko o ka a bonang teng gore segolo re age diofisi tse di botokanyana batho ba fudugele koo ba tle ba bereke go lebega gore ba na le sereti.”

Rre Mmolotsi o ne a tswelela a kopa tona go leka bojotlhe go fefosa phetolo fa baokamedi ba makgotla a setswana ba ikopela kokeletso ya konteraka fa nako ya bone ya go tlogela tiro ka bogodi e gorogile. A re go dira jalo go  tlaa itsa ketsaetsego mo go bone.

Rre Mmolotsi o ne a kopa gape gore kgang ya go kgwathisa e e e mo molao kakanyetsong e tlhalosege, Magosi e seka ya nna one a ikgethelang gore ba kgwathisa batho dithupa di le kae ka go ka tloga ga tsosa mathata. O ne a kopa gore a bogolo go nne le seelo se se papametseng sa gore motho o ka kgwathisiwa dithupa di le kae.

Mopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta Rre Rayner Makosha ene o ne kopa tona gore lephata la makgotla a Setswana le lone fela jaaka maphata a mangwe le sekegelwe tsebe, a tlhalosa fa go lebega le tlhaediwa matlho thata.

Rre Makosha o ne a re gore molao kakanyetso o o ntshe maduo a a nonofileng, Dikgosi di tshwanetse tsa tlhatlhelelwa thata ka tsa melao, e se re gongwe ba iphitlhele ba gotlhagotlhane le molao motheo wa lefatshe la Botswana.

“Mo maphateng a mararo la Tsamaiso ya Dikgaolo la Dikhansele, la Tsamaiso ya Morafe ke lephata le le ko tlase thata, le fa re ntse re re re batla go neela Magosi dithata jaana.

O tlaa fitlhela Kgosi e le mongwe wa batlhotlhomisi ba kgang e mosekisiwa a e sekelang, mme go ka tsisa kgotlhang mo kgannye e e tshwerweng e re ko bofelong fa molao o setse o lebelelwa go bo go fitlhelwa seemo se e le kgotlhang e e ka gololang modira molato.”

Mopalamente yo mongwe e bong Rre Mephato Reatile wa Ngwaketse Bophirima, le ene o ne a re a makgotla a Setswana a tokafadiwe ka go supega fa gompieno Dikgosi le dikgosana ba lela selelo se se mo pontsheng ka letlhoko la dikoloi le gone fa ba direlang teng tota.

Rre Reatile o ne supa matshwenyego ka gore gantsi  lephata la tlhabololo ya metse ya magae go lebega le tlhokometse thata dikhansele ka di patagane thata le diofisi tsa ga Molaodi, a tlhalosa gore o fitlhela go tlhomilwe leitlho thata kwa go bone fa go kopiwa madi fa ba lephata la tsamaiso ya makgotla a Setswana bone ba tla morago.

“Ke gore go na le bothata jo botona mo e leng gore le fa Kgosi a re o tlogela tiro ka bogodi go na le kgwetlho e ntsi gore a bone madi a gagwe, o a bona ka tshokolo, re ipotsa gore mathata a lephata le a tswa kae.”

Rre Reatile o ne a tswelela gape ka go kopa tona gore a dikago tse di akanyediwang go agwa tsa kgotla ya Setswana ya boikuelo di isiwe kwa motseng mongwe ka ke gone ko motheo wa bogosi o leng teng, go na le go agwa mo ditoropong.

O supile fa go dira alo go tlaa supa fa Batswana le bone ba ipela ka ngwao ya bone e bile ba batla go supegetsa lefatshe ka bophara motheo wa Lekgotla la Setswana.

Erile a latlhela la gagwe Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole, le ene  a kopa tona go tokafatsa seemo sa makgotla a Setswana ka a direla mo seemong se se sa itumediseng.

Rre Mangole o ne a fa sekai ka Lekgotla la Setswana la Kgatleng a re seemo sa lone ke matlhotlhapelo. O boletse fa babereki ba koo ba direla fa e neng e le ntlo ya ga Kgosi Lenchwe wa ntlha mme go sa fe babereki tlhotlheletso e ba e tlhokang go dira tiro ka manontlhotlho.

O ne kopa gape gore molao kakanyetso o, o sekegele tsebe ditsamaiso tsa Setswana e se re gongwe tona a iphitlhela a tsene mo mathateng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Palamente

Date : 24 Jul 2013