Go tla agwa madirelo a tshomarelo merogo
24 Jul 2013
Puso e ikaelela go tlhoma madirelo a a tlaa thusang go baakanyetsa merogo gore e bolokwe lebaka le le leele.
Kgato e ke bontlhabongwe jwa go nonotsha mananeo a nyeletso lehuma. Tona wa Ofisi ya ga Tautota le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi o boletse fa madirelo ao a a tlaa agwang kwa Selebi Phikwe a tlaa dirisiwa go gabetlelela merogo e e ka tswang e setse kgotsa e tlhaetse thekiso. Tona yo e leng modulasetilo wa komiti ya puso ya tsa nyeletso lehuma o ne a bua mo phuthegong ya babegadikgang maabane.
Tona o boletse fa merogo e tshwana le beetroot, tamati le khabeche e tlaa gabetlelelwa kgotsa e fetolwa go dirwa dijo tse di tlaa tsayang lobaka di sa senyege kgotsa go bola.
Go sale foo mokwaledi wa lephata la Ofisi ya ga Tautona yo o lebaganeng le tsa nyeletso lehuma, Dr John Mothibi o boletse fa mono Gaborone fela balemi ba merogo ba latlhegelwa ke bogolo jwa 10 per cent ya thobo ka ntata ya go senyega ka bofefo ga merogo, e bile ba bona dipoelo tse di kwa tlase ka ntlha ya go tlala ga marekisetso, mme ke sone se lephata le akantseng go tlhoma madirelo a.
Mo dikgannyeng tse dingwe Tona Masisi o boletse fa dithuto puisano tse di latelang ka ga nyeletso lehuma di tlaa tshwarelwa kwa Damchojenaa mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, kgwedi ya Phatwe a tlhola gangwe go tsena a tlhola bararo.
O tlhalositse fa batho ba ba kgethilweng ba le sekete ba tlaa tsena dithuto tseo tse di tlaa ba fang maitemogelo a a lekaneng go kgona ditiro tsa bone.
Fa a itebaganya le dipego tsa dikgang tsa gore temo ya masingwana a ka fa segotlong e a pala, tona o ne a gakolola babegadikgang gore ba nne le kelelelo, ba seka ba re temo e e a pala ka jaana e le selo se se ikaegileng ka maemo a lewapi a a sa laolweng ke motho. O tlhalosiste fa lefatshe leno le le mo leubeng le le amileng masingwana a kwa segotlong ka bontsi.
Le fa go ntse jalo Rre Masisi a re ntle le dipula tse di boutsana le leuba temo ya mo lwapeng e ntse e ka tswa maduo a ma ntle.
O boletse fa go na le masingwana a ka fa segotlong a le 2000 mme bone bo lesomeng la one a dira sentle mo seemong se se sa iketlang. A re seemo seo se supa go dira sentle thata fa go lebelelwa mabaka otlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya bobegakgang
Date : 24 Jul 2013






