Breaking News

Bogodu jwa leruo bo a tshwenya

24 Jul 2013

Mookamedi wa mapodisi a Maun o boletse fa bogodu jwa leruo bo sa ba jese di welang mo kgaolong ya gagwe.

Superintendent Kenanao Badumetse o tlhalositse mo potsolotsong fa ba sa jesiwe di welang ke dikgang tse beng ba diruiwa ba di tshololang, fa babelaelwa ba sena go tshwarwa.

A re ba tsholola dikgang ka mabaka a gore babelaelwa e a bo e le ba masika a bangongoregi, kana ba itsane ntswa ba ne ba ikuetse pele, a supa fa seemo seo se oketsa borukutlhi jwa go utswa leruo.

Supt Badumetse o supile gape fa koketsego ya theko ya dikgomo kwa masimo le meraka ke bo radikgwebo tsa nama le yone e na le seabe mo go rotloetseng bogodu jwa leruo ka ba reka fela ba sa tlhomamise gore a dikgomo di a bo di  kwadisitswe ka fa molaong le gone gore a di tlhatlhobetswe malwetse ke ba matlhoko a leruo.

O tlhalositse gape gore ga go na tirisanyo mmogo mo go lwantsheng bogodu jwa leruo mo kgaolong ya gagwe ka leruo la batho le a nyelela mme bangwe ba le bone, mme ba seke ba itsise mapodisi.

Supt Badumetse o gakolotse Batswana go tlhokomela leruo la bone, le gone go tshwaya le go tshuba leruo le setse le le le nnye, a re ga ba a tshwanela go baya mo badiseng ka bangwe ba bone ba se boikanyego. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sarah Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 24 Jul 2013