Puso e tlhabolola thuto
24 Jul 2013
Tona wa lephata la thuto le tlhabololo kitso, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re puso e ikaelela go tlhabolola seemo sa thuto ya lefatshe leno, go se dira sa maemo a ntlha.
E rile fa a buisana le bakwaledi bagolo ba lekgotla la UNESCO mo Gaborone mo bosheng, a tlhalosa gore puso ya lefatshe leno e ikaeletse go dirisa madi a a bonalang mo mhameng wa thuto, go tlhabolola bodiredi. Bakwaledi bao ba ne ba etetse lefatshe leno malatsi a le mararo, go tsena phuthego ya go aga bodiredi.
O tlhalositse gore lephata la gagwe le tshwaragane le go tokafatsa tsamaiso ya thuto, go e tswakanya le dikitso tsa go itshetsa. Dr Venson-Moitoi o ne a supa gore phuthego eo e tlaa fa lefatshe la Botswana sebaka sa go supegetsa mafatshe a mangwe maiteko le maikaelelo a lone mo go tlhabololeng thuto.
Mafatshe a kgaolo ya borwa jwa Aferika, a a leng mo lekgotleng la UNESCO, a a itebagantseng le go dira ditshekatsheko, a akaretsa Botswana, Lesotho, Malawi, Mozambique, Namibia, Aferika Borwa, Swaziland, Zambia le Zimbabwe.
Lekgotla le le na dingwaga di le mmalwa le rulaganya diphuthego, go fa mafatshe sebaka sa go gakololana ka tse di ka dirwang le go leba ditiro tse di tshwanetseng go potlakelwa.
Mangwe a maikaelelo a matona a lekgotla la UNESCO ke go neela bana thuto e e tlaa ba solegelang molemo botshelo jotlhe, ka go ba neela kitso le thuto ya tlhaeletsano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Bokopano jwa UNESCO
Date : 24 Jul 2013






