Breaking News

Badiragatsi ba kgobokanya madi

24 Jul 2013

E ne a ya re mo bosheng ga bo go gatanwa, barati ba mmino wa jazz ba phophoma ka boitumelo, kwa lefelong la maitiso le le tlwaelegileng thata ka go bidiwa Millenium, kwa Mogoditshane.

Badiragatsi ba moopelo wa jazz, Benson Phuthego le Bhudaza Mapefane, ba ne ba fepa barati ba mmino le moopelo ka dipina tsa segologolo di tswakantswe le tsa sesha bosigo jotlhe.

Mookamedi wa kompone ya Zen promotions, Mme Zenzele Hirschfeld, o ne a rulagantse maitiso ao a mmino, ka moono wa go kgobokanya madi a go diragatsa mangwe a maikaelelo a gagwe, e leng go thusa ba ba tlhokileng lesego.   O ne a tlhalosa gore madi a  a tlaa kgobokanngwang kwa maitisong ao, a tlaa thusa go rulaganyetsa thutopusiano ya bataki, ya malatsi a le mabedi.

A re thutopuisano eo e tlaa bo e itebagantse segolo jang le ba-na-le-bogole, go ba fa sebaka sa go supa bokgoni jwa bone.

Phuthego o ne a gapile ba le bantsi pelo ka moopelo wa gagwe, o o humileng dipina tsa setso, di tswakantswe le bodiragatsi jwa sesha. O ne a tlhalosa fa a itumeletse thologelo ya barati ba mmino wa gagwe, le gore o tlaa tsenya letsogo mo go thuseng ba-na-le-bogole.

O ne a opela nngwe ya dipina tsa gagwe tse disha, Jive Africa, e e buang ka tsela ya botshelo e e motsopodia, a bo a tlatsa ka gore dipina tsa gagwe di remeletse thata mo go godiseng serodumo sa lefatshe leno.

Barati ba mmino wa jazz ba ne ba thuntsha lorole fela thata le fa go letsa seopedi sa kwa Lesotho se se tumileng, Bhudaza, yo o ileng a opela nngwe ya dipina tsa gagwe tse disha, Likgomo.

O ne a kgothatsa badiragatsi ka kakaretso go rata tiro ya bone, e seng go e direla go tuma fela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Kokoanyo ya madi

Date : 24 Jul 2013