Breaking News

House of Men e rutuntsha banana

23 Jul 2013

E rile ka bofelo jwa beke ba mokgatlho o o ikemetseng wa House of Men go tswa kwa Letlhakeng ba bo ba phuthile banana ba motse oo go tla go ba tsibosa ka botlhokwa jwa go dira loaro lwa go kgaola letlalo la bonna le go ba ruta ka tiriso ya sekausu.

Modiri wa lephata la botsogo kwa Letlhakeng, Rre Kesego Mosekiemang, o kaile gore ba aname le kgaolo eo go dira loaro le mo setshabeng, mme ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa botsadi jo bo sa ntseng bo le maoto a tshupa mo go saeneleng bana ba bone ba ba dingwaga di kwa tlase gore ba arwe.

A re e nngwe kgwetlho ke ya gore ba ntse ba palelwa ke go goroga kwa mafelong mangwe a a kgakajana, a bolela fa bothata joo bo tlaa rarabologa ka ba sa tswa go abelwa kokelwana e e tsamayang ya koloi mo bosheng.

A re go lemotshegile fa bagolo ba ba dingwaga di magareng ga masome mane go ya kwa go masome matlhano ba itshetse moriti o tsididi fela, ba gaisiwa ke ba ba kwa tlase mo go bone ka dingwaga.

O boletse fa setshaba se tshwanetse sa itse fa go dira loaro le go le botlhokwa fela thata mme e bile mongwe le mongwe a tshwanetse a tsaya botshelo jwa gagwe ka tlhoafalo, a kaya fa ba sa ntse ba tsweletse ka letsholo la bone la go dira loaro ka jalo go iketleediwe.

Mogolwane wa lekgotla leo, Rre Kabo Kefaletse o boletse fa ba ikaelela go bona borre botlhe ba ba siametsweng ke go dira loaro ba le dira, a bolela fa ka ditiro tsa go nna jaana ba ngoka borre go ya go dira loaro, ba ba lomaganya le ba botsogo go netefatsa gore moono wa bone o a atlega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lillian Peloentle

Location : LETLHAKENG

Event : Tsiboso ka learo

Date : 23 Jul 2013