Batswana ba kopiwa go inaakanya le temo-thuo
23 Jul 2013
Batswana ba kopilwe go inaakanya le temo-thuo. Go buile jalo mogolwane wa banka ya Barclays, Rre Calistus Chijoro a bula ditshupo tsa Mahalapye ka mafelo a beke.
Rre Chijoro a re fa Batswana ba ka lema dijalo ka go farologana, di tsamaelana le mebu e ba leng mo go yone, mme ebile gape ba inaakanya le leruo ka go farologana, leshekere e ka nna selo sa maloba.
A re go botlhokwa thata gore batho ba sa itlhoboge, bogolo jang ba lebeletse dingwe tsa dikgwetlho tsa temo thuo. O badile dikgwetlho tseo di akaretsa loapi le le sa iketlang, dijo le melemo ya leruo tse di turu le leokwane.
Rre Chijoro o tlhalositse fa tsela nngwe ya go lwantsha dikgwetlho, e le go tshwaragana, ga balemi barui gore ba kgone go itirela dijo tse di lekaneng go itsa go kopa mafatshe a mangwe dijo. O ne a bega fa kgaolo ya Mahalapye e na le diekere di le 18 000 tsa temo mme a kgothatsa batho ba kgaolo go dirisa lefatshe leo go lema.
O tlhalositse fa monongwaga diekere tse 16 920, di ne di sa lengwa mme go tlaa baka tlhaelo ya dijo. A re o eletsa batho ba kgaolo ya Mahalapye ba ka itirela dijo go ja, le go rekisa. A re kgaolo e ntsha mae a selekanyo sa l6.9, tonnes le mashi a dilithara di se kae fela mme ga go a lekana gotlhelele.
Fa a itebaganya le banana Rre Chijoro o ne a re ‘letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo’, mme ka jalo a ba kopa go ema ka dinao ba leme a re jaaka baeteledipele ba kamoso, ba tshwanetse ba ititee ka thupana.
O boletse fa a tshwenngwa ke gore dikgwebo tsa banana, go dira di le 35 fela mo kgaolong ntswa tse di thusitsweng ka madi di le 45. Rre Chijoro a re ditshupo di botlhokwa fela thata ka di naya bangwe sebaka go ithuta mo go ba bangwe.
A re ditshupo di bulela bagwebi marekisetso, gammogo le kwa ba ka rekang teng. Rre Chijoro o ne a ntsha mpho ya P10 000 go thusa temo thuo mo kgaolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Pulo semmuso
Date : 23 Jul 2013






