Leshekere le shenne meno
23 Jul 2013
Puso e kaile ngwaga wa 2013/14 e le wa leuba morago ga leeto la go sekaseka seemo lefatshe lotlhe go tloga Moranang a le lesome le botlhano go tsena Motsheganong a supa.
Leeto leno le supile fa pula e tlhaetse mo mafelong mangwe e bile e ne e le kwa tlase thata mo dikgaolong tse di ntsi tsa lefatshe leno, ka jalo puso ya swetsa gore seemo sa dijo lefatshe ka bophara se wetse tlase, mme ya kaya gore lefatshe le wetswe ke leuba.
Pego go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo ya magae ya re diekere tse di lemilweng di ne di le tse dintsi go feta tsa selekanyo sa 34 8820 ka nako e go neng go sekasekwa, ngogola go ne go lemilwe 34 5000.
Tshekatsheko e supile fa mogote o o bogale bobe o babaletse dijalo, ka jalo dikakanyetso tsa thobo di kwa tlase, mo go tlaa bakang tlhaelo ya dijo malwapeng. Pego eo e supa gape gore seemo sa phulo, metsi le leruo ka nako ya tshekatsheko se ne se se maswe thata lefatshe lotlhe.
Godimo ga moo go tlhobaelwa gore thobo e e kwa tlase e tsile go gakatsa mopalo mo mafelong mangwe bogolo jang mo baneng ba bannye. Pego e e supa gore metsi a a dirisiwang ke batho jaanong a tlhaela thata, bogolo jang mo borwa jwa lefatshe leno, jo bo nosiwang ke letamo la Gaborone le le kgalang.
Fa go lebilwe mabaka a a setseng a balolotswe, pego eo e supa fa go le leuba e bile kgaolo ya borwa e tlhaelelwa ke metsi ka matamo a magolo mo borwa a kgala. Leuba le le solofetswe go nna bogale e bile le aname, mo go tlaa amang matshelo a batho. Go solofetswe gore Batswana ba ba tshelang ka temo-thuo ba nne le ditatlhegelo bogolo jang go lebilwe dintsho tsa leruo, le ditshenyegelo tse di tsamaelanang. Leuba le gape le solofetswe go ama seemo sa dijo kgotsa dikotla mo setshabeng. Leuba la nako eno le tlaa tsisa tlhaelo ya dijalo, le go tlhaelelwa ga malwapa ke madi.
Seemo seno sotlhe se tlaa thatafatsa go boela ga itshetso mo mannong mo ngwageng o o tlang, ka jalo puso e tsere dikgato go thusa. Pego e bolela gore ka ntlha ya leuba leno le, puso tlaa tsaya dikgato tsa namolo e dirisa madi a P217 510 465 go tloga Phukwi a tlhola letsatsi go tsena Moranang a le masome mararo ngwaga oo tlang. Lephata la temo-thuo le tlaa thusa bareki ba dijo tsa leruo ka boleng jwa masome a mararo le botlhano mo lekgolong mo tlhwatlhweng ya dijo tsa botlhokwa kwa kgaolong ya Nhabe le ya Bobirwa, le masome a mabedi le botlhano mo lekgolong lefatshe lotlhe.
Dijo tse di akaretsa, maluti a bokete ja 50kg, letswai, monontshane wa A, D le E wa bokete ja 100ml, Di-Culcium phosphate, molasses le moroko. Ka ntlha e nngwe lephata la dikgaolo le tlhabololo ya magae le tlaa thusa dikole ka dijo tsa mooketsa, le go oketsa mophako wa dikokelo gabedi mo mafelong a a iteetsweng thata ke leuba a akaretsa Nhabe, Gantsi, Kgalagadi, Borwa le Legare mo ngwageng wa madi wa 2013/14.
Lephata leo le tlaa oketsa gape dipalo tsa babereki ba Ipelegeng kwa dikgaolong tse di nang le lehuma le le ntsi. Lephata la tsa tikologo, diphologolo le bojanala le tlaa epa le bo le gokela difetlha motlakase didiba tse di nosang diphologolo, mo mafelong a a sireleditsweng le a tlhokomelo ya diphologolo. Pego e bolela fa dikgato tseno tsotlhe tsa namolo di tshwanetse go bo di simologile kgwedi eno e tlhola letsatsi. BOKHUTLO
Source : MLGRD
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Pego
Date : 23 Jul 2013






