Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa kotsi

23 Jul 2013

Mapodisi a Tlokweng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa a neng a thulwa ke koloi a bo a tlhokafala, fa mme wa dingwaga tse di masome mabedi a ne a bona dikgobalo.

E rile a lekodisa BOPA, mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki, a bolela fa ba tshegeditse rre mongwe wa motswakwa mabapi le tiragalo eo, mme a setse a itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Extension 2 Phukwi a le lesome le bosupa.

Superintendent  Maniki o boletse fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo, mme monna yo o tlaa itshupa gape kwa lekgotleng la ga mmakaseterata, kgwedi e e tlang e rogwa.

E ntse e le gone kwa Tlokweng, Superintendent Maniki o boletse fa ba ne ba tshwara bakgweetsi ba le lekgolo, masome a mararo le bone ka malatsi a boitapoloso ka melato e e farologayneng ya tsela.

O supile fa ba ne ba lebisa bakgweetsi ba le masome a mararo le bobedi molato wa go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng. Superintendent Maniki o supile fa go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng fa gare ga motse e le matshwenyego a matona mo go bone.

O kopile bakgweetsi go obamela matshwao a tsela le go dirisana sentle. E ntse e le gone mo go tsa tsela, Superintendent Maniki o boletse fa ba ne ba tshwara batho ba le masome mabedi le borobabobedi ka molato wa go kgweetsa ba se na diteseletso. Superintendent Maniki o supile gape fa ba ne ba tshwara bakgweetsi ba le lesome le bosupa ka molato wa go tsenelela dipone tsa mosepele.

Mo go tse dingwe, Superintendent Maniki o boletse fa ba ne ba begelwa go thujwa ga matlo motshegare kwa kgotleng ya Mafitlhakgosi le Sefoke, mme ga utswiwa dithoto tsa madi a a fetang P15 000. O boletse fa dithoto tse di neng di utswiwa di akaretsa Flat Screen le  Laptop.

Superintendent Maniki o boletse fa badiri ba Lodge nngwe kwa kgotleng  ya  Masetlheng, ba ne ba kgothosiwa ke bangwe ba ipapanne ka dibetsa mme ba utswa madi a a fetang P4 000. Superintendent Maniki o ikuetse mo setshabeng go ba thusa go tshwara manweenwee ao. 

Mo go tse dingwe Superintendent Maniki o boletse fa ba ne ba tshwara batswakwa ba ba se nang diteseletso tsa go tsena mo lefatsheng ba le masome mane le boraro mme ba setse ba ba buseditse gae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TLOKWENG

Event : Tekodiso ya sepodisi

Date : 23 Jul 2013