Breaking News

Ditso tsa motse wa Machaneng

23 Jul 2013

Motse wa Machaneng kwa Tswapong borwa ke mongwe wa e e saleng e tlholegile bogologolo, pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso.

Mo go one motse o, go nna mosadimogolo Mme Kamogelo Samachana, yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1935. Mme Samachana a re bagologolo ba mo tlhaloseditse fa Machaneng o thibeleditswe ke monna a bidiwa Ramosweu Tshelane, a tlholega kwa Mmatshwaane. Rre yoo o ne a nna kwa motseng wa Sefhare mme a kopa Kgosi Khama gore a ye go disa molelwane wa Tuli block, o gompieno e leng dipolase tsa basweu.

A re ka nako eo, go ne go se na dipolase mme dikgomo di ne di tsamaya fela go fitlha kwa nokeng ya Oodi, e gompiemo e bidiwang Limpopo. O tlhalositse fa Ramosweu a ne a tsere basadi ba le bane, mosadi yo motona, e leng Mmatsatsi, a segofaditswe ka bana ba le batlhano e bong Magamusi, Garenamotse, Mokwena, Dikeledi le Rakedibeile.

Mosadi wa bobedi, e leng Moloko le ene o ne a fiwa bana ba le batlhano e bong Tsupoeng, Pheto, Mothibi, Dinaane le Raphaka. A re bana ba fa ba gola Mogamusi, Pheto, Mokwena le Dinaane ba ile ba tswa ba ya go aga kwa Phuphumisa, kwa go bidiwang Mosikare gompieno, mme ba bangwe ba sala ka kwa moseja ga molapo le batsadi ba bone mme ya re morago botlhe ba boela gae.

A re motse wa Machaneng o biditswe ka molatswana o o kgaogantseng motse o bidiwang lecha mme ke gone motse wa bidiwa Machaneng. Motse o ne o se na sekole mme Magamusi, e leng ngwana wa ntlha wa ga Ramosweu, a bona go tlhokega gore bana ba rutwe mme ya re ka ngwaga wa 1948, a kopa ngwana wa gagwe, e bong Ntshekelang le wa ga kgaitsadie wa ga Dikeledi, e bong Gontse, go ruta.

O ile a supa fa ba ne ba rutela ka fa tlase ga mokoba o go agilweng sekole fa go one. E rile ka ngwaga wa 1959, ga simolola go agiwa ntlo ya borutelo e le ka dithuso tsa batsadi ka dikoleke. A re ka ngwaga wa 1961, ntlo ya borutelo e e neng ya agiwa ya simolola go dirisiwa mme go ne go na le barutabana ba le babedi, e bong Rre Motsamai le Mme Boammaaruri.

Ka dikgosi di ne di tlhophiwa go tswa Serowe ngwana yo motona Mogamusi ya nna ene kgosi ya ntlha ya Machaneng, kgosi ya bobedi ya nna Senwelo Mogamusi, ya boraro ya nna Ranko Tshelane, e le ngwana wa ga Dikeledi.

Kgosi ya bone e ne ya nna Rre Ambrose Mpho Ramosweu, e le kokomane ya ga Ramosweu, yo eteletseng mo nakong ya gompieno. Mme Samachana ga a itse sentle gore motse o simolotse ka ngwaga ofe. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MACHANENG

Event : Potsolotso

Date : 23 Jul 2013