Breaking News

Boshwaen o rotloetsa barui

31 May 2018

Mogolwane wa Botswana Innovation Hub, Rre Alan Boshwaen o rotloeditse barui go inaakanya le maranyane go tokafatsa ditsamaiso tsa go rua.

O buile jaana kwa merakeng ya Moleleme gaufi le Samane kwa barui ba kgaolo ya Borwa ba neng ba kgobokanetse teng go abelana megopolo ya thuo.

Bokopano joo bo ne bo rulagantswe ke ba Beef Farmers Association ba kgaolo ya Borwa, ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Go Oketsa Dipoelo ga Barui ba Mafulo a a Tlhakanetsweng’.

Rre Boshwaen a re thuo ya dikgomo ke seikokotlelo sa matshelo a Batswana le itsholelo ya Botswana, ka jalo go botlhokwa gore ba tswelele ba kopa mekgwa ya maranyane kwa mafatsheng a mangwe a a setseng a gatetse pele.

A re se se ka thusa go nonotsha  boleng jwa leruo le go oketsa dipoelo tsa barui.

A re e re ntswa go setse go na le maranyane mangwe a a dirisiwang mono, nngwe ya dikgwetlho tse di teng ke go dirisa motlakase wa marang a letsatsi go pompa metsi, go a tlhatswa gammogo le go dirisa motlakase oo mo malwapeng.

A re motlakase wa marang a letsatsi o siametse thuo ka jaana o le tlhwatlhwa e kwa tlase fa o tshwantshanngwa le metswedi e mengwe ya motlakase.

O boletse gore ba ikgolagantse le ba Botswana Bureau of Standards go sekaseka boleng jwa didirisiwa tsa motlakase wa marang a letsatsi go bona gore ke tsa maemo a ntlha.

A re se ke tsela nngwe ya go netefaletsa le go rotloetsa barui gore ba inaakanye le tiriso ya motlakase oo.  

Mo godimo ga moo, Rre Boshwaen o kopile barui gore ba supe dikitso tsa setso tse di farologanyeng go tle go sekasekwe gore a di ka dirisiwa mo maranyaneng a go tokafatsa thuo ya dikgomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : SAMANE

Event : Bokopano

Date : 31 May 2018